Breaking News

Batho ba Kasane ba a ngongorega

12 May 2022

Banni ba Kasane ba ngongorega gore ga ba boelwe ke sepe mo ditirong tse di tshwarelwang mo motseng wa bone.

Ngongora eo, e ntshitswe ke modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo ya motse, Mme Gladys Motho mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa Chobe, Rre Machana Shamukuni ka Labobedi.

Mme Motho o ne a fa sekai ka bokopano jo bo neng bo tshwerwe bosheng jwa Forbes Under 30, a re ba utlwile fela gore bahumi ba dinaane ba etla, mme ga go na sepe se batho ba Kasane ba ka se supang gore ba kile ba amogela baeng ba maemo a a kwa godimo.

A re kwa ntle ga gore mediro e nna e tla mo Kasane le yone therisanyo le VDC ga e yo, a tlhalosa gore fa go ne go dirwa jalo ba ne ba ka ipaakanya go bona gore banni ba selasela eng mo ditirong tseo.

Mme Motho o bile a re banni ba itemogetse gore bana fa ba le kwa dikoleng tse dipotlana maduo a bone a mantle, mme fa ba tsena kwa go se segolwane maduo a wela tlase mo go tlhabisang ditlhong.

“Ke nako ya gore re le batsadi re itsisewe gore bothata kwa sekoleng sa Chobe ke eng, ka gore re nna ka go ipotsa gore a barutabana ba a tlhaela kana ga ba a rutelwa tiro,” ga bua jalo Mme Motho.

O ne gape a supa gore dilo ka bontsi mo Kasane ga di tsamae sentle, a a fa sekai ka Seboba Community Trust recreational park e a reng e sale e rutlomololwa, nako kgolo ke eno.

A re makgotla a mangwe a itirela letseno mme la Kasane lone go rile tuu ka jaana le ne le dira madi ka lefelo leo.

Mme Motho o kopile gore kago ya kokelo e fefosiwe ka jaana go tswa kgakala go buiwa ka kokelo mme e sa goroge.

A re go ngomola pelo gore balwetse ba bo ba santse ba isiwa kwa Nyangabgwe kwa Francistown mme go le kgakala e bile seemo sa tsela se ka ba gakaletsa ditlhabi.

E ne e rile a amogela baeng, Kgosi Thuso Wasetso a re go lebega gore fa go na le ditiro mo kgaolong jaaka yone ya Forbes Under 30, go thapiwa dikhamphani tse di tswang kwa ntle ga kgaolo le tsone tota digoagoe di tswa kwa ntle le ntswa banana mo kgaolong ba di reketswe ke puso ka lenaneo la tlhabololo banana la YDF.

Mongwe wa banni, Rre Mmika Masule o ne a ngongoregela tlhaelo ya dipilisi tsa madi a matona kwa kokelong, a re seemo seo se tsenya matshelo a balwetse  mo diphatseng ka jaana motho fa a di simolotse e nna tsa botshelo jotlhe.

Rre Julius Samunzala o ne a botsa gore ka jaana batho ba ba tlaa angwang ke KasaneKazungula Redevelopment ba sa le ba sekasekwa ka 2015, mme jaanong go didimetse, a go raya gore ba tswelele ba tlhabolole metse ya bone.

Rre Samunzala o bile a botsa gore a ba ba setseng ba tlhabolotse ba tlaa sekwasekwa gape kana ba tlaa bo ba sweletse.

Rre Llyod Mutakela ene o ne a kopa gore banni ba Chobe ba fiwe sebaka sa go bona noka ba sa kgopakgopediwe ke ba ba agileng gaufi le yone.

A re o tshoga gore jaaka go lebeletswe go dirwa ga Kasane/Kazungula redevelopment, tlhabololo eo e tlaa bo se kganela banni go tsena kwa nokeng ka jaana lefelo e tlaa bo e le la bojanala fela.

Rre Mutakela o ikuetswe gape gore ba-na-le bogole le bone ba nne ba akarediwa mo maemong a a kwa godimo a a tsayang ditshwetso.

Rre David Mbanga ene o ne a re o lemogile gore maduo a bana kwa sekoleng se segolwane a isiwa kwa tlase ke boitaolo.

A re bangwe batsadi ga ba kgaleme.

A re go mo maruding a batsadi le barutabana go emela thuto ya bana ka dinao gore maduo a tokafale.

Rre Mbanga o ne a kopa khansele gore e tlhomamisa gore fa ba Ipelegeng ba kgaola bojang ga bo thibe mosele wa kgopho ya metsi a pula, ka go ka baka merwalela.

Fa a tsibogela kgang ya kwa sekoleng, Rre Edward Mohumanegi o ne a supa gore le bone e le baokamedi ba thuto mo Chobe ba tshwenyegile thata ka go wela tlase ga maduo a bana.

A re ba tsweletse ka go leka go itebaganya le tse ba akanyang gore di na le seabe jaaka go nnela ruri ga barutabana mo lefoleng le le lengwe, a bo a supa gore bontsi jwa barutabana ba ba saleng ba nna kwa sekoleng seo ba setse ba simolotse go fudusediwa kwa mafelong a mangwe.

O netefaditse gore barutabana ba sekole sa Chobe ke ba ba rutetsweng tiro.

Modulasetilo wa kabo ditsha Rre Johane Chenjekwa o ne a tlhalosa fa ba ba angwang ke Kasane/Kazungula Redevelopment ba tlaa sekasekwa gape.

Mokwaledi wa khansele, Rre Esau Mbanga o ne supa fa khansele e dumalana gore banni b anne le sebaka sa go tsena kwa nokeng, e bile a re e setse e butse mafelo mangwe gaufi le mabentlele a Choppies le Spar go dira gore banni ba ka ithulaganaya le khansele gore ba itapolose foo.

Modiri wa Botswana Tourism Organisation (BTO), Rre Keotshepile Mphusu o ne a tlhalosa fa tiego ya go ntshafatsa Sebba Recretaional Park e ne ya bakwa ke gore rakontera wa pele o ne a palelwa ke go wetsa tiro, mme ga felela ka ditsheko.

A re le fa go ntse jalo ba mo thulaganyong ya gore yo mosha a tle go feleletsa.

Mopalamente ene o ne a re bogogi jwa kgaolo bo itemogetse gore e le ruri banni ga ba akole sepe se se dirwang mo metseng wa bone, ka jaana go le gantsi dipaakanyetso di a bo di dirwa kwa Gaborone, mme ba ne ba thulanya ditlhogo go baakanya seemo seo.

A re tlhaelo ya melemo e lefatshe ka bophara e seng Botswana fela, mme e bile tona wa Botsogo o kile a lekodisa palamente ka seemo seo.

A re le fa go ntse jalo go na le tsholofelo ya gore dilo di tlaa boela mannong. BOKHUTLO

 

Source : BOPA

Author : Keamogetse Letsholo

Location : KASANE

Event : PHUTHEGO YA KGOTLA

Date : 12 May 2022