Khansele-potlana ya Serowe e shafatsa ditsela
12 May 2022
Ka letlhaku le lesha le agelwa mo go le le gologolo, khansele-potlana ya Serowe e simolotse go shafatsa ditsela tsa mmolo o mogologolo wa Serowe ka madi a a tshwarang P4 million.
Go ya ka moanamisa mafoko wa khansele, Rre Onkabetse Ntwe, tiro e, e simologile ka go kaba dikhuti fa gare ga mmolo, go kgaola bojang, le go feela.
A re morago ba tlaa bo ba tshela sekontere.
A re tsholofelo ke gore tse tsotlhe di fe mmolo tebego, ka o ntse o le maswe thata metsi a dirile melatswana fa gare ga marekisetso.
Rre Ntwe a re khamphani ya Asphalt Botswana e e thapetsweng tiro e, e tlaa bo gape e dira tsela e e fetang fa motlobong wa ditso e e fetang fa Spar le e e tswang kwa ga Dennis e feta ka Spar.
A re tse dingwe tse di senyegileng thata jaaka ya Prisons ga di a bona madi mme e tlaa re fa madi a letla di dirwe.
Mo phuthego nngwe le nngwe ya khansele makhanselara ba ne ba bua ba sa kgale mathe ba lela ka go onala ga mmolo, bogolo jang ka o bapile le tsela e bajanala ba fetang ka yone ba ya Boteti le Maun.
Khamphani ya Asphalt ke yone gape e shafatsang tsela ya Serowe-Palapye e e ntseng e le dikhutikhuti tse di bakang dikotsi. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : SEROWE
Event : POTSOLOTSO
Date : 12 May 2022