Breaking News

Barolong ba lela ka ditsela

12 May 2022

Banni ba metse ya Morolong mo kgaolong ya borwa ba lela ka letlhoko la ditsela le ba reng le paledisa bana go ya dikoleng ka nako tsa dipula.

Letlhoko le la ditsela le ngomola pelo ka di sa tsamaege gotlhelele mo dinakong tsa dipula.

Banni ba metse e ba buile jaana mo diphuthegong tse di tsweletseng di buisiwa ke mopalamente wa kgaolo ya Goodhope/Mabule, Rre Eric Molale.

Fa a tsibogela matshwenyego ao Rre Molale o ne a tlhalosa fa puso e tlaa dira mo e ka go kgonang go leka go baakanya seemo seo ka jaana go na le tlhaelo ya madi.

Mopalamente o ne a re fa khansele e na le motshine o o gopang tsela, go tshwanetse go nna bonolo go thusa maphata a ga goromente yo mogolwane ka jaana maitlamo a bone botlhe e le go netefatsa gore Motswana o bona ditlamelo tse di maleba ka nako.

A re go botlhokwa gore maphata a puso a simolole go itse gore ba kopanela ditsompelo gore ba kgone go isa ditlamelo kwa bathong.

Rre Molale o supile fa Tautona le ene a rotloetsa gore maphata a tshwaragane ba bo ba fetole ka fa ba ntseng ba a akanya ka teng, ka seo se tlaa thusa go isa ditlamelo kwa Batswaneng.

O ne a kopa banni gore ba mo inele diatla metsing ka jaana go le lobaka a sa ba tlhole.

Rre Molale o supile fa seemo se, se befisitswe ke bolwetse jwa COVID-19 ka jaana go ne go sa letlelelwe go tshwara diphuthego.

Bontsi jwa banni ba metse ya kgaolo ya Goodhope/Mabule ba ne gape ba lela ka dikago tsa puso tse di mo seemong se se sa jeseng diwelang.

Ba tlhalositse fa dikago di tshwana le dikokelwana le dikgotla, seemo sa tsone se siilwe ke nako, mme ba kopa mopalamente gore a tsibogele seemo seo.

Mo go tse dingwe ba ne ba iteela puso legofi go bo e ba thusitse ka kgokelo le phatlhalatso ya motlakase.

Ba ne gape ba supa fa ba itumelela gore bontsi jwa dikokelo tsa bone di thusitswe ka baoki ba le babedi le ntswa dikago di le dinnye.

Mopalamente o ne a patilwe ke bodiredi jwa puso le maphata a a ikemetseng a tshwana la koporase ya motlakase le BOCRA gareng ga a mangwe.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Aobakwe Molefhi

Location : CWAGARE

Event : PHUTHEGO

Date : 12 May 2022