Banni ba Ramotlabaki ba batla babeeletsi
12 May 2022
Banni ba Ramotlabaki, mo kgaolong ya botlhophi ya Mochudi Botlhaba, ba ikuetse mo mopalamenteng wa bone, Rre Mabuse Pule go ba thusa ka megopolo ya go ngoka babeeletsi, go leka go tswakanya itsholelo ya motse wa bone.
Ba boletse mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente ka Labobedi, fa motse wa bone o humile di-tsa tlholego di tshwana le noka, e ba reng e ka fetola kgaolo ya bone go ntsha dijo le go ngoka bagwebi.
Ba re le fa ba lebogela lenaneo la Ipelegeng, ba lapisitswe ke go ikaega ka lone ka jaana le sa dire ditiro tsa sennela ruri, gape madi a itshetso a sa lekane.
Mothusa moeteledipele wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Oratile Paledi o boletse fa komiti e ikaegile ka go foroma ditena go dira letseno.
Rre Paledi a re gape ba tshwenngwa ke go tlhoka go baakanngwa ga dikago tsa puso di tshwana le matlo a boroko, kokelwana le motlobo wa dibuka.
O ngongoregile ka metsi a a tswang mo dipompong a rusitse, a re go a ba turela ka jaana, ba simolola ka go tlhotlha rusi, mme ba felele ba a tsholola ka bontsi.
Banni ba ngongoregile gape ka dituelo tse di diegang tsa babereki ba Ipelegeng, le mororo ba na le poso, mme ba sa amogelele kwa go yone, ka jaana khansele ya Kgatleng e dirisa banka ya Absa go isa dituelo kwa go bone ka ditirelo tsa My Zaka.
Banni ba ne gape ba kopa gore go dirwe motshelakgabonyana o o kopanyang Ramotlabaki le Phalakampa, ka jaana tsela eo e sa tsamaege, le gore fa go baakanngwa tsela go dirisiwe mmu o o lokgarapana.
Ba re wa matlapa a matona o senya dikoloi.
Banne ba re ba felelwa ke madi ka jaana tsela ga e tsamaege, mme beng ba dikoloi ba paralatsa menwana.
Kgosi Sakaeyo Modidi o kopile khansele go tsibogela go fetsa dikago di tshwana le ntlo lohalahala ya morafe le matlo a babereki ka nako.
Mopalamente Pule o ne a ba lekodisa ka melao e e dirilweng mo palamenteng e e fetileng, a ba a ba netefaletsa fa a dilelo tsa bone a di isa sa kgale mathe kwa palamenteng.
A re o tswa kgakala a supa fa kgaolo ya gagwe e humile metsi, le ka fa e ka nnang boremelelo jwa maungo le merogo, tse di ka tlhamelang banni mebereko.
Rre Pule o bile a ba itsese fa lenaneo la Ipelegeng le tokafaditswe.
A re jaanong le tlaa tlogela banni ba na le dikitso tse ba ka itshetsang ka tsone, go na le jaaka le ntse gompieno.
O ne gape a ba gakolola go tswelela ba itlhokomela, ka jaana COVID-19 e ise e fele.
Mopalamente Pule o bile a ba solofetsa fa go tlaa tsenngwa mafaratlhatlha a internet a ba a solofeditsweng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mmoniemang Motsamai
Location : RAMOTLABAKI
Event : phuthego ya kgotla
Date : 12 May 2022