Breaking News

A katlholelo loso e eme

11 May 2022

Mokgatlho wa An Ideal Woman o o direlang kwa Mahalapye o gwetlhile lefatshe la Botswana go boela morago ditiro tse di kgatlhanong le molao wa Modimo.

Moemedi wa one Mme Catherine Kapo a re e re ka molao-motheo ka tsela nngwe o tsamaelana le molao wa Modimo, lefatshe leno le tshwanetse la ikela tlhoko gore le seka la tshokane le tsuolotse mantswe a Modimo.

Mme Kapo yo a neng a rolela lekoko la tshekatsheko molao-motheo megopolo ka Laboraro a re katlholelo leso ke sengwe sa tse di tshwanetseng tsa emisiwa ka e le kgatlhanong le taelo ya Modimo ya gore ope o seka a bolaya.

O kgadile gape marato a bong a re tumelo ya Sekeresete ga e a amogele. Go sale foo, o ne a tlhalosa morago mo potsolotsong gore go ya ka tumelo ya Sekeresete, mebala ya botala jwa loapi le o mosweu e e mo folageng ya Botswana di emetse kagiso le go itsheka, ka jalo go botlhokwa gore tshaba ya

Botswana e seka ya ikamanya ka gope le ditiro dipe tse di ka sekeng di tsamaelane le maikemisetso ao.

Moemedi wa mokgatlho wa ba-na-le bogole wa leina la Diponeng, Rre Motsholetsi Tlhaloganyo o ne a kopa gore maemo a mookamedi wa ofisi ya ditirelo tsa ba-na-le bogole kwa Ofising ya ga Tautona a beelwe ba-na-le bogole ba le bosi.

A re go tshegediwa ga maemo ao ke motho yo o sa tsheleng ka bogole ga go a lebana, ka motho wa go nna jalo a ka seke a kgaratlhele ditshwanelo tsa bone mo go lekaneng ka a sa tlhaloganye dikgwetlho tsa go tshela ka bogole.

Rre Tlhaloganyo a re ba-na-le bogole botlhe ba fiwe lemme la itshetso go sa kgathalesege gore bogole jwa bone ke jwa mohuta ofe.

Rre Tsogo Bonang wa mokgatlho wa Mahulantsweng o o itebagantseng le tsa ngwao o ikuetse mo pusong go lemoga botlhokwa jwa mekgatlho ya bopelotlhomogi, segolo jang seabe sa yon emo go rotloetseng mowa wa boithaopo.

O kopile gore molao o tlame puso go ema mekgatlho eo nokeng gore e tle e kgone go fitlhelela maitlamo a yone. Fa a bua boemong jwa lekgotla la dikgosana tsa kgaolo-potlana ya Mahalapye, Rre Kobamelo Maunatlala o ne a kopa gore leina ‘kgosana’ le seka la tswelela le dirisiwa ka le supa nyenyafatso e seng fela mo go yo o tshegeditseng maemo ao, mme le mo morafeng o a o eteletseng pele.

A re dikgosana di tshwanetse tsa bidiwa dikgosi mme ba farologanngwe ka maemo a bone jaaka go ka twe kgosi wa tletlanyo. Rre Maunatlala a re gape go tshwanetse ga tlhongwa lephata le lesha le le tlaa okamelang dikgosi le Ntlo ya Dikgosi.

A re go botlhokwa gore Ntlo ya Dikgosi e tswe ka fa tlase ga Ofisi ya ga Tautona mme e tsene ka fa tlase ga sekhukhu se le sengwe le dikgosi kwa dikgaolong ga mmogo le ditiro tsotlhe tse di amanang le bogosi.

Moemedi yoo a re go nna teng ga letlole le le lebaganeng le merero ya bogosi go ka tlotlomatsa tiro ya dikgosi ga ba ga di nonotsha go ka direla lefatshe leno ka natla. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Keonee Kealeboga

Location : MAHALAPYE

Event : Tshekatsheko ya molaomotheo

Date : 11 May 2022