Breaking News

Magosi ga a a sireletsega Kgosi Bagatiseng

11 May 2022

Molao-motheo o tshwanetse go tseela kwa godimo tshireletsego ya magosi ka ba mekamekana le dikgang tse di ka bayang matshelo a bone mo diphatseng.
Kgosi Kemmapetse Bagatiseng wa Mmaphashalala o ntshitse boikuelo jo mo phuthegong e e neng e buisiwa ke lekoko la tshekatsheko molao-motheo kwa motsing oo ka Labobedi.

“E sa le mapodisi ba tsewa mo makgotleng ga re a sireletsega re le magosi,”o ne a bua jaana a kopa gore molao-motheo o dire gore magosi a sireletsege le fa tshireletsego ya go nna jalo e ka seke e lekane le ya bommakaseterata.

Mo go tse dingwe kgosi o ne a supa fa e le keletso ya gagwe gore molao-motheo o laole gore batho ba ba tswang mo manyalong mo nakong e khutshwane ba busetse ba ba ba tlhalang ditshenyegelo.

O ne a kopa gore thupa ya mokwatla e busediwe mme e bile go kgwathisiwe batho ba ba dingwaga tse di tshwarang masome a mane le botlhano.

Moemedi wa Dovedale, Rre Balopi Mooketsi o ne a bolelela lekoko fa e le keletso ya baagi ka ene gore mopalamente le mokhanselara e nne batho ba ba nang le dithuto tsa degree le diploma gore ba kgone go buisa mananeo le go tlhaloganya ditsamaiso.

O ne gape a supa fa morafe wa Dovedale o batla gore molao-motheo o papamale mo tshireletsegong ya bana le bomme.

“A molao o dire gore batho ba ba dirisang bana le basadi botlhaswa ba ye toronkong botshelo jotlhe kgotsa ba tseelwe peo,” o ne a bua jalo.
Fa a akgela, Rre Kwelagano Letlolo ene o ne a kopa gore molao-motheo o patike tsamaiso go tsaya maikutlo a setshaba mo megopolong mengwe e mo go yone phathi e e busang le tsa kganetso di sa dumalaneng ka yone.

Mo go tsa dino le ditagi, tse a reng di sentse bana, Rre Letlolo o tlhaloseditse lekoko fa go gagamalediwa setoropo ga batho ba ba fitlhelwang ba gweba ka dilo tsa go nna jalo e le yone tharabololo.

Rre Abakeng Koswane ene o ne a kopa gore magosi a tsenngwe mo thulaganyong ya kabo ditsha ka ba itse mafatshe a merafe ya bone.

Rre Ndulamo Boitshepo o ne a tlhalosa fa go le botlhokwa gore ditsheko tsa leruo di sekelwe kwa makgotleng gonne dikgang tsa go nna jalo di tsaya lebaka le le leele kwa ga mmakaseterata di sa sekwe; selo se a reng se felela se dira gore bosupi bo latlhege mme magodu a leruo a falole.

O ne gape a kopa gore melelwane ya merafe e sekasekwe gape ka jaana Batswana ba le bantsi ga ba na lefatshe.

Rre George Lesobeya o ne a kopa gore tshekatsheko ya molao-motheo e lebe ka leitlho le le nchocho thulaganyo ya Batshwarelela bogosi a re ga ba a tshwanela go tshwarelelela ruri.

O ne gape a kopa gore go nne le molao o o ka sireletsang botautona ba ba mo setilong kgatlhanong le go tlhaselwa mo go sa siamang le kwa palamenteng tota.

Rre Lucas Makgabana o ne a kopa gore molao o tseele dikgato batho ba e a reng fela morago ga go tlhagoga ga dikotsi ba tsenye ditshwantsho tse di gogomosang maikutlo mo maranyaneng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mooketsi Mojalemotho

Location : MMAPHASHALALA

Event : Tshekatsheko ya molaomotheo

Date : 11 May 2022