Kgosi Kgamane o golotswe mo tirong
11 May 2022
Motshwarelela bogosi jwa ga Mmangwato, Kgosi Sediegeng Kgamane o golotswe mo tirong morago ga mokwalo o a neng a o kwala a supa fa a na le keletso ya go latlhela.
Tona wa Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Rre Kgotla Autlwetse o buile jaana ka Labobedi mo phuthegong ya kgotla kwa Letlhakane, e maikaelelo a yone e neng e le go lekodisa dikgosi tsa Boteti ka tse di diragalang mo kgaolong ya Legare.
A re e ne ya re Mopitlo a tlhola malatsi a le masome a mabedi le borataro a kwalela Kgosi Kgamane lekwalo a supa fa go tshwara diphuthego tse di seng ka fa tsamaisong kwa kgotleng kgolo ya Serowe e se gone le gore puso e tsere tshwetso ya gore a seegelwe fa thoko go sekaseka gore gare go tseneng.
Rre Autlwetse a re lekwalo leo le ne le tlhalosetsa Kgosi Kgamane gore a name a emetse fa thoko go santse go tlhotlhomisiwa ditiragalo tse di ntseng di diragala kwa kgotleng ya Serowe le gore fa e le gore ga a na phoso epe o tlaa buseditswe mo tirong mme fa a le phoso puso e tlaa tsaya tshwetso e e maleba.
A re e rile Moranang a tlhola malatsi a le masome mabedi le borobabobedi a sena go tshwara phuthego le dikgosi kwa Serowe a amogela lekwalo le tswa kwa go Kgosi Kgamane a supa fa a tsere tshwetso ya go tlogela tiro mme keletso ya gagwe e le go digela tiro ka Phukwi.
Rre Autlwetse a re o ne a nna le mathata a go amogela tshwetso eo.
O supile fa a ne a kwalela Kgosi Kgamane mokwalo a supa fa a ka seka a mo letlelela gore a boele kwa tirong mme a tlaa mo golola mo tirong Moranang a le 30.
Rre Autlwetse a re Kgosi Kgamane o tlaa fiwa dikatso tsotlhe tse di mo lebaganeng ka e le ene a supileng fa a na le keletso ya go tlogela tiro.
A re o ne a lebogela Kgosi Kgamane go bo a ne a tshwere kgotla ya Serowe sebaka se seleele go sa kgathalesege gore e rile kwa bofelong metsi a kgoberega.
Rre Autlwetse o ne gape a lekodisa dikgosi ka tse di ntseng di diragala mo kgaolong ya Legare, a supa fa go ne ga nna le dikgang dingwe tse bangwe ba neng ba setse ba tlhobaela gore ke eng ba sa lekodisiwe ka tsone.
A re dikgang tseo ke tsa go tlhoka kutlwano magareng ga ga Tautona Dr Mokgweetsi Masisi le tautona wa pele, Lt Gen Dr Seretse Khama Ian Khama.
O supile fa kgang e, e tsere nako e telele gore e lekodisiwe mme go na le mabaka.
O ne a tlhalosetsa dikgosi fa e rile pele ga ditlhopho tsa 2019 ga nna le kubetsano magareng ga ga Tautona Masisi le tautona wa pele mme fa kubetsano eo e ntse e tsweletse Tautona Dr Masisi a tsaya boikarabelo jwa gore a tsise kagiso, ka jalo a kopa tautona wa pele Dr Festus Mogae le botona ba pele go ba tshereganya.
A re lekoko leo le ne la reetsa Tautona Dr Masisi le Rre Khama ka bongwe ka bongwe go ba tsaya polelo gore e re ba ba letlanya ope a seka a tla a ferekanela se a se buileng.
A re tse ba neng ba farologana ka tsone e ne e se tse di ka bong di dirile mathata ka di kwadilwe e bile di tlhalositswe mo molaong wa gore fa tautona a tlogela tiro go diragala jang.
A re nngwe ya dintlha tse ba neng ba farologana ka tsone ke gore tautona wa pele o ne a supa fa a fokoleditswe palo ya baapei mme keletso e le gore ba nne bararo mme a seka a nna mongwe fela.
E nngwe e ne e le ya gore batlhokomedi ba gagwe ba nne lesome le botlhano mongwe le mongwe a nne le tlhobolo mme tsotlhe tsa palega ka di seyo mo molaong e bile di sa diragale mo go botautona ba pele.
Rre Autlwetse a re tautona wa pele, Rre Khama o ne a supa fa e se tautona wa pele fela mme mme e le ramasole wa pele.
A re kgang ya boraro e ne ya nna gore ga a a direlwa sentle ka mothusa tautona e kabo e nnile Rre Tshekedi Khama e seng Rre Slumber Tsogwane, mme le yone ya palega ka Tautona Dr Masisi le ene fela jaaka botautona ba ba tsenang mo setilong a ne a tshwanelwa ke go itlhophela mothusi wa gagwe.
A re kgang e nngwe e ne e le ya gore tautona wa pele o ne a supa fa a tshwanetse go nna mookamedi wa badiri botlhe ba tiragatso molao (armed forces).
A re go letlanngwa ga ga tautona wa pele le Tautona Dr Masisi go ne ga retela ntateng ya gore tautona wa pele o ne a supa fa a sa kgotsofalele lekoko le le ba letlanyang a re ba sekametse kwa go Tautona Masisi.
A re tautona wa pele o ne a ipatlela ba gagwe ba ba ka ba tshereganyang mme a ba tlhoboga le bone, ga felela go padile. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : LETLHAKANE
Event : PHUTHEGO
Date : 11 May 2022