Motsetsi wa loaro o tlhoka kemonokeng e e tseneletseng
11 May 2022
Bomme ba ba belegeng ka loaro ba tlhokana le kemo-nokeng ka ba tshabelelwa ke di-tla morago tse dintsi.
Go buile jalo Dr Leatile Sedabadi wa kokelo ya Princess Marina jaaka a ne a lekodisa setshaba maabane mono Gaborone.
Dr Sedabadi a re tshwetso ya go belegisiwa ka loaro e tsewa thata ke ba bongaka, go na le mabaka mangwe a a dirang gore tshwetso eo e tsewe.
A re pelegi ka loaro e dirwa thata go babalela lesea, mme mmangwana ke ene a nnang le ditlamorago tse di ka akaretsang go latlhegelwa ke madi a mantsi a mmele.
O ne a tlatsa ka go re go na le kgonagalo ya gore madi a gane go ema, mme dingaka di felele di ntshitse popelo go boloka botshelo jwa ga mme.
Dr Sedabadi o ne a kopa bomme ba ba imileng gore ba seka ba itlhophela go belega ka loaro fa botsogo jwa bone bo siame, a re di-tla morago tse dintsi di aramelwa ke mmangwana.
A re go ya ka dipatlisiso, go lemotsehgile gore batho ka bontsi ba itlhophela go belega ka loaro.
A re dipalo tse di tsweletse ka go golae bile di tsamaya mo go masome a mararo mo lekgolong la matsetsi.
Le fa go ntse jalo, Dr Modimowame Jameson-Selema o supile gore mabaka mangwe a a ka dirang gore bomme bangwe ba dirwe loaro a akaretsa go ntshiwa ga di fibroids.
Dr Jameson-Selema a re mangwe mabaka a abo a ama botsogo jwa ngwana kana seemo sengwe sa boimana se se sa iketlang.
O ne a netefatsa gore pelegi ka loaro e na le di-tla morago tse dintsi, dingwe e le tse di ka tsayang lobaka, fa tse dingwe e le tsa nakwana.
A re dingwe di dirwa ke molemo o o dirisiwang go ritibatsa ditlhabi ka nako ya loaro, fa tse dingwe di bakwa ke karo. ka boyone
Dr Jameson-Selema o tlhalosa gore fa ntho ya loaro e ka tsenwa ke mogare, motsetsi o ka tsena mo diphatseng.
O ne a tlhalosa gore ka dinako tse dingwe di-tla morago e nna gore dikarolo tsa mmele jaaka mala le setlha di kgona go patagana.
O supile gore ka nako ya mariga, bomme ba ba belegeng ka loaro ba tshabelelwa ke ditlhabi mo popelong.
Dr Jameson-Selema a re morago ga dikaro tse tharo, go nna diphatsa thata mo go mme go tswelela ka loaro, ka jalo a kopa bomme go babalela matshelo a bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lesedi Thatayamodimo
Location : GABORONE
Event : Tekodiso
Date : 11 May 2022