Dipolaano di tsere phekelo e sele
11 May 2022
Mapodisi a Serowe a boletse fa a tshwenngwa ke dipolaano le dikgobatsano tse di diragetseng di le mmalwa mo kgaolong-potlana ya Serowe bosheng.
Mo potsolotsong, mogolwane wa mapodisi a Serowe, Superintendent Poloko Oteng o ne a re go nnile le dipolaano di feta boraro le dikgobatsano tse di mmalwa.
Superintendent Oteng o boletse fa kgwedi eno e tlhola gane, mosadimogolo wa dingwaga tse di masome a supa le bosupa wa kgotla ya Mmopi kwa Serowe, a fitlhetswe kwa masimong a Mmamorontshe a tlhokafetse.
O boletse gore o fitlhetswe a na le ntho e e masisi e e boteng mo tlhogong.
O ne a ragosediwa kwa kokelong ya Sekgoma kwa go rurifaditsweng fa a tlhokafetse.
Superintendent Oteng a re mapodisi a tshegeditse lekawana la dingwaga tse di masome mabedi le boferabobedi wa kgotla ya Magadingwane kwa Motshegaletau mabapi le polao eo.
Mmelaelwa o setse a itshupile fa pele ga kgotla ya ga mmakaseterata mo Serowe, mme o tlaa itshupa gape kgwedi eno e le masome a mabedi le boraro.
Superintendent Oteng a re mo tiragalong e nngwe, mme wa dingwaga tse di masome mararo le boraro wa kgotla ya Kgosing kwa Thabala, o ne a tlhajwa ka sengwe se se bogale mo mafatlheng, mme a ragosediwa kwa kokelong ya Sekgoma kwa a rurifaditsweng fa a tlhokafetse.
O boletse fa ba tshegeditse rre wa dingwaga tse di masome mane le bosupa mabapi le tiragalo eo.
A re rre yoo, wa kgotla ya Monyapele kwa Thabala, e ne e le mokapelo wa moswi wa pele, mme ga twe o ne a mo fitlhela a na le yo mosha.
Go bolelwa fa a ne a kopa mme yoo go ema fa go ene mme a feta a mo tlhaba.
Le ene o tlaa itshupa fa pele ga lekgotla la ga mmakaseterata mo Serowe kgwedi eno e le masome a mabedi le boraro.
Fe e le kwa Sehunou gone, dipego di bolela fa kgwedi eno e supa, monnamogolo wa dingwaga tse di masome a supa a shwetse mo ntlong morago ga gore e kape molelo ba robetse a na le mosadi wa gagwe wa dingwaga tse di masome marataro le botlhano yo o falotseng ka bobi jwa segokgo.
Rre yoo, o ne ragosediwa kwa kokelong ya Sekgoma kwa go boletsweng fa a sa tlhole a le mo botshelong.
Ditlhotlhomiso tsa mapodisi di tsweletse go bona se se bakileng molelo oo.
Ramapodisi o boletse fa kwa Moiyabana gone go fitlhetswe monna wa dingwaga tse di masome mane le boferabongwe wa kgotla ya Phaphane kwa Mochudi, a didimetse mo koloing ya gagwe a sa tshikhinyege, mme a ragosediwa kwa kokelong ya Sekgoma kwa dingaka di boletseng fa a tlhokafetse.
Mo go tsa dikgobalo, Superintendent Oteng o tlhalosa fa monna wa dingwaga tse di masome mararo le bone wa kgotla ya Basimane kwa Tshimoyapula a tlhabilwe ka sengwe se se bogale.
Go bolelwa a sa ntse a le kwa kokelong ka dintho tse di masisi.
Go bolelwa fa go belaelwa a ne a tlhajwa ke wa dingwaga tse di masome mabedi le boraro.
Mmelaelwa o ntse se tshegeditswe ke mapodisi, mme o tlaa itshupa fa pele ga lekgotla mo bogaufing fa ditlhotlhomiso di santse di tsweletse.
Superintendent Oteng o boletse gape gore kwa Serowe, ba tshegeditse lekawana la dingwaga tse di masome mabedi le botlhano la kgotla ya Lethanyana mo Serowe, ka molato wa go gobatsa yo mongwe, yo go sa itseweng dingwaga tsa gagwe ka gore o santse a le mo maibing kwa kokelong ya Sekgoma.
Rre Oteng o kopile gore batho fa ba na le diphapang, ba kope thuso mo go ba bangwe go ba letlanya e seng go itseela molao mo diatleng. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : SEROWE
Event : POTSOLOTSO
Date : 11 May 2022