Breaking News

A ba dirwe mophato wa makata-dimetshe

10 May 2022

A go tsene mo molao-motheo wa Botswana gore masole le mapodise a a tlogetseng tiro a dirwe mophato wa makata-dimetshe. 

Rre Metlha Makoko yo e leng leloko la lekgotla la masole a a tlogetseng tiro o buile jaana mo phuthegong ya ditlhopha tse di ikemetseng ka nosi e e neng e buisiwa ke lekoko le le phuthang megopolo e e tlaa dirisiwang go sekaseka molao-motheo ka Mosupologo kwa Shoshong. 

“Keletso ke gore batho ba ba nne mo go tweng ke reserve force ba bo ba dirisiwe mo ditirong tse di farologanyeng jaaka kwa mafatsheng a mangwe le mo go thuseng go namola fa go na le dibetsa tsa tlholego,” 

Rre Makoko o ne a kopa jaana a tlhalosa gore go dira jalo go ka thusa thata go oketsa dipalo tsa sesole sa lefatshe leno go lepalepana le diemo dipe fela tse di ka tlhagogang. 

O tlhaloseditse lekoko fa bontsi jwa batho ba go nna jalo bo santse bo itekanetse mo ditlhaloganyong le mo mmeding, ka jalo ba ka sologela lefatshe leno molemo. 

Moemedi wa Lekgotla la Baruti, Moruti Tladi Lekwapa ene o ne a lela ka peo ya ditsha tsa dikereke tse a reng dinako dingwe dikereke di bewa mo mafelong a a sa siamelang dikago. 

Ka jalo o ne a tlhalosa fa e le keletso gore kereke le yone fela jaaka mafelo a mangwe a a rileng e sikelwe ditsha tse di mo mafelong a a siameng. “A molao-motheo o gagamatse thata gore dikereke di sale molao wa ikwadiso morago ka dinako tsotlhe e bile molao o pateletse dikereke tse di thibelelang mo metseng go tsena ka bogosi pele ga di simolodisiwa,”o ne a kopa jaana a tlhalosa gore lekgotla la gagwe le aga le kopana le mathata a dikereke tse di sa saleng tsamaiso morago. 

Moruti Lekwapa o tlhalositse fa nako e gorogile jaanong gore dikereke di tseye karolo mo go tlhabololeng batho e seng fela mo semoeng, mme di inaakanye le dithulaganyo tse dingwe tsa botshelo jaaka go thusa go ntshetsa lefatshe dijo le go tlhama mebereko. 

Rre Abolotse Baemisi yo e leng modula setilo wa ba-na-le bogole mo Shoshong ene o ne a kopa gore go nne le tsetlana e ka yone molao-motheo o ka pateletsang puso go ba neela dithuso. A re ere ntswa ba-na-le bogole ba leka ka bojotlhe go tswa kwa mahure, dithuso dingwe tsa itshetso go tswa kwa pusong ga di goroge sentle mo go bone. BOPA

Source : BOPA

Author : Mooketsi Mojalemotho

Location : SHOSHONG

Event : Tshekatsheko ya molaomotheo

Date : 10 May 2022