Breaking News

A ba-na-le bogole ba kwadisiwe

10 May 2022

 Ba-na-le bogole ba Mookane ba eletsa gore puso e boloke dikitso ka batho botlhe ba ba tshelang ka bogole gore e tle e kgone go lomaganya sentle mananeo a go ba thusa. 

Fa a itekodisa lekoko le le romilweng ke Tautona go goga kwa tlhogong tshekatsheko ya molao-motheo ka Labobedi, monni wa motse oo, Rre Peter-Paul Bakwena o tlhalositse fa go le botlhokwa gore ka dinako tsotlhe puso e bo e itse gore mo-na-le bogole ofe o kwa kae le gore o tshela ka bogole jwa mohuta ofe. 

A re go dira jalo go ka e nolofaletsa maiteko a go fa ba-na-le bogole kemonokeng e ba e tlhokang, le gone tota go tlhoma seemo sa bone leitlho motlhofo. 

Mo ntlheng e nngwe, Rre Bakwena o supile fa ba-na-le bogole ba tshwanetse ba akarediwa fa go betlwa melao gore le bone ba tle ba gakolole mo go tse di ba amang. 

A re selo seo se ka tlhomamisa gore ga ba iphitlhele ba kgaphetswe ntle ke melao jaaka go ntse go diragala. 

A re gape batho ba go nna jalo ba tshwanetse ba engwa nokeng ba bo ba thusiwa ka gotlhe mo go ka kgonwang gore ba kgone go tshegetsa maemo a a farologanyeng a akaretsa a bopalamente le bokhanselara, gore le bone ba tle ba nne le seabe mo go kgaratlheleng ditshwanelo tsa bone. 

O ne gape a ikuela mo molaong go tlotlomatsa tshwanelo ya bone ya go ka bereka, a re nako e tsile ya gore puso e tlhomamise gore bogole jwa bone ga bo dirisiwe e le seipato sa gore ba seka ba thapiwa. 

Moemedi wa banni ba Dibete kwa phuthegong eo, Rre Lerako Sebe o supile ngongora ka go gatisiwa ga menwana ya ba-dira molato, a re thulaganyo eo e ba tswalela ditsela fa ba setse ba ikagile sesha mme ba leka maano a go itshetsa. A re melato e mebotlana e tshwanetse ya seka ya tseelwa menwana, kana fa menwana e tsewa e phimolwe morago ga lebaka le le rileng. 

Go sale foo, Rre Sebe o kopile gore bomme le bone ba atlholelwe dithupa kwa makgotleng a Setswana ka le bone jaanong ba setse ba tlhakaladitse mo go tloleng molao. Mme Kgomotso Baatweng ene o ne a kopa gore katlholelo leso e seka ya emisiwa. 

Mo godimo ga moo, o kopile gore fa motho a sena go kalediwa, setopo sa gagwe se rolelwe ba lelwapa gore e nne bone ba rwalang ditshenyegelo tsa phitlho. A re go tlamela motho wa go nna jalo fa a tshegeditswe mo kgolegelong go lopa puso madimadi, ka jalo ba lelwapa ba tshwanetse ba nna le seabe fa a setse a kaleditswe. 

Rre Moageledi Seema ene o ne a kopa gore molao-motheo o kganele dikgosi ga mmogo le masole le mapodisi a maemo a a kwa godimo go ka inaakanya le polotiki. 

Rre Seema o kaile fa dikgosi e le sekhukhu sa morafe se se sa tshwanelang go ka ikamanya le sepe se se ka tsenang morafe ka bogare. 

Masole le mapodisi a a tlogetseng tiro one, a re go ya ka dikitso tsa bone tse di matswakabele tsa itshireletso go tswa kwa ditirong tse ba neng ba di bereka, ba ka tswa botlhabetsi mo setshabeng mme e bile go le bonolo mo go bone gore ba bo ba ka se gogela mo tseleng ya tatlhego. BOPA

Source : BOPA

Author : Keonee Kealeboga

Location : MOOKANE

Event : Tshekatsheko ya molaomotheo

Date : 10 May 2022