Breaking News

Kgosi Phuthego o tlhokafetse

10 May 2022

 

 

Kgosi Kaisara Phuthego wa Maboane o tlhokafetse.

Rangwaneagwe, Rre Botsholotswe Motseonageng o boletse mo potsolotsong le BOPA ka Mosupologo fa Kgosi Phuthego a tlhokofetse morago ga go lwala lobako lo lokhutshwane.

Rre Motseonageng o tlhalositse fa kgosi a lwetse kgwedi e e fetileng e le fa gare, mme a ragosediwa kwa Sidilega Private Hospital kwa Gaborone, kwa a fetileng a tlhatlhojwa a bo a gololwa lone letsatsi leo.

O tlhalositse fa kgosi a ne a boela kwa bongakeng mo letsatsing le le latelang, kwa a neng a robadiwa, mme a gololwa kgwedi e e fetileng e le masome mabedi le borobabongwe.

Rre Motseonangeng o tlhalositse fa kgosi a ne a robadiwa gape, mme a nametsa,  ya re Motsheganong e tlhola ga tlhano, seemo sa fetoga, mme kgosi a tlhokafala tsatsi le le latelang.

Kgosi Phuthego o tsholetswe kwa Letlhakeng Phatwe a le 16, 1977, e le ngwana wa bosupa wa ga Mme Ngwanaamotho le Kgosi Tirelo Motseonageng. O ne a tsena mo setilong sa bogosi ka 2015.Kgosi o tlaa bolokwa kwa Maboane ka mafelo a beke. BOKHUTLO

 

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : MABOANE

Event : POTSOLOTSO

Date : 10 May 2022