Breaking News

Choppies e rotloetsa temo ya nosetso

10 May 2022

Ka Kabelo Segafi

 

PANDAMATENGA - Beng ba marekisetso a Choppies ba phutholotse letsogo go rotloetsa temo ya nosetso mo Botswana ka go reka merogo mo Batswaneng.

Se se ne se buiwa ke mogolwane wa Choppies, Rre Phenyo Molebatsi kwa pitsong ya go ka lemotsha banana ba kgaolo ya Chobe ka boleng jwa temo ya nosetso, kwa Pandamatenga bosheng.

Rre Molebatsi a re e le ba Choppies Group, ba bonye go le maleba go rotloetsa theko ya merogo mo Batswaneng.

A re botlhe ba ba nang le keletso ya go rekisetsa Choppies di-tswa temong ba tshwanetse go ikwadisa.

A re ba amogela palo nngwe le nngwe ya dijalo, a tlatsa ka go re go tlaa bo go le thona go utlwa go twe dijalo tsa Batswana di a senyega, mme go na le marekisetso a mantsi. 

A re ba na le ditsamaiso tse ba di dirang go ka goroga kwa baleming mo Botswana

A re ba kgona go duelela kwa pele dijalo di ise di nne mo seemong sa go ka rekwa.

E rile fa a tswa la gagwe, mopalamente wa Chobe Rre Machana Shamukuni a re lefatshe la Botswana le reka dijo tse dintsi kwa ntle, go balelwa le merogo, ka jalo go isiwa madi a mantsi kwa ntle.

A re le ga go ntse jalo keletso ya puso ke go bona Batswana ba itirela dijo, ba bo ba di rekisetsa mafatshe a mangwe.

 A re menyetla e mentsi thata mo temong ya nosetso, a supa fa motho yo o lemang dihekere tse pedi a ka dira madi a mantsi, mme a kgothatsa banana go ema ka dinao.

O tlhalositse fa go na le mananeo a a farologaneng a puso, a a ka thusang Batswana go tsaya karolo mo temong ya nosetso, a tlatsa ka go re puso e diretse Batswana mmaraka ka go kganela merogo mengwe go tsena mo Botswana.

Mopalamente o tlhalositse fa kgaolo ya Chobe e le yone boremelelelo ja temo ya nosetso ka seemo sa loapi se letla, e bile le metsi a le mantsi.

Moanamisa mafoko wa Botswana Horticultural Council, Rre Solomon Tshenyo o kgothaditse banana go nna le mowa wa go dira mmogo, ba lebile gore ofe o kgona eng. 

O ba kopile gape go emisa go batla go lema dijalo tsotlhe mo tshingwaneng, a re motho o tshwanetse a leme sejalo se le nosi, se a tlaa itseweng ka sone.

O ba kgothaditse gape go nna pelo di thata, ba sa ineele ka bonako, ka gore temo e tletse dikgwetlho. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kabelo Segafi

Location : PANDAMATENGA

Event : PITSO

Date : 10 May 2022