Breaking News

A botautona ba tlhomelwe mabitla a a faphegileng

09 May 2022

Banni ba Kalamare mo kgaolong ya Legare ba re go tshwanetse ga tlhongwa lefelo le botautona ba tlaa fitlhelwang kwa go lone kwa Gaborone. Fa a rolela lekoko le le eteletseng pele tshekatsheko ya molao-motheo megopolo kwa motseng oo maabane, Rre Gaolekwe Gaolekwe o ne a re go dira jalo go ka fa tautona yo o tlhokafalelang mo setilong tlotla ya bofelo.

Monni yo mongwe, Rre Shadrack Ramotlhwa ene o kopile gore magolegwa a letlelelwe go tlhopha. A re go bo molao o itsa magolegwa go tlhopha ke phoso e e tshwanetseng ya fefogelwa go baakanngwa. Rre Ramotlhwa a re go thona gore Batswana ba ba kwa kgolegelong ba bo ba apotswe tshwanelo ya bone ya go tlhopha.

Mo tshwanelong ya ga tautona go ka itshwarela badiramolato, Rre Ramotlhwa o kopile gore thulaganyo eo e fetolwe ka jaana e falotsa batho ba go nna jalo sebaka sa go emelelana le di-tla morago tsa ditiro tsa bone.

Mme Ketlile Kaisara ene o ikuetse gore molao o tlame borre go nna teng mo matshelong a bana ba bone. A re go tlhonatlhonega ga bana ka ntlha ya boseyong jwa borraabone ke kgokgontsho ya maikutlo, e e tshwanetseng ya thibelwa ka ditsela tsotlhe.

Fa a ntsha la gagwe, moemedi wa mokgatlho wa Sefapaano se Sehibidu, Mme Neo Ramaeba o ne a gakolola gore makgotla a bopelotlhomogi a abelwe ditsha ntle le tiego epe. Mme Ramaeba a re go tlhoka fa ba direlang teng go ketefaletsa makgotla a go nna jalo go ka diragatsa maitlamo le maikemisetso a one a go thusa setshaba.

Rre Mogorosi Ntlotlang o ne a supa gore le ntswa molao-motheo o gogile lefatshe leno sentle go tloga kwa boipusong, go santse go na le dingwe mo go one tse di tlhokang go baakanngwa. Sengwe sa dilo tseo a re ke go goga lebaka ga ditsheko tsa polao, seemo se a boletseng fa se ka tokafadiwa ka go tlhoma makgotla a ditsheko a a faphegileng a a tlaa bong a lebagane le dikgang tsa mothale oo.

E ne e rile go le pele a amogela baeng, Kgosi Goareng Mosinyi wa Kalamare a kopa gore megopolo e Batswana ba e ntshang e tsewe tsia, a supa fa go e ikgatholosa go ka tlhobosa thulaganyo e e tsweletseng ya go betla molao-motheo sesha. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Keonee Kealeboga

Location : KALAMARE

Event : Tshekatsheko ya molaomotheo

Date : 09 May 2022