Breaking News

Dikoloti o gakolola komiti go tsaya boikarabelo

09 May 2022

Puso e seegetse fa thoko P3 million mo maphateng go baakanya dikago.

Mopalamente wa Mmathete/Molapowabojang, Dr Edwin Dikoloti o buile jaana mo phuthegong ya kgotla kwa Lorolwane bosheng.

O kgothaditse komiti ya ditlhabololo ya motse go akola thulaganyo eo mo motseng wa bone.

O ne a tlatsa ka go re komiti e tshwanetse go tsenya leitlho thata gore fa go dirwa dipaakanyo tsa dikago mo motseng, dikhamphani tsa beng-gae di nna le seabe.

Dr Dikoloti a re maikaelelo a puso ke go bona itsholelo e tsena mo diatleng tsa beng-gae, ka jalo a gatelela gore komiti ya ditlhabololo tsa motse e netefatsa gore ga go dire dikhamphani tse di tswang go sele.

“Kopo ya me ke gore, dikhamphani tsotlhe tse di tlaa thapiwang mo thulaganyong e di netefatse gore di fetsa tiro e ka botswerere le ka nako.

Fa ba ka tlogela ba sa fetsa, go tlaa tsala tatlhegelo e tona ya madi mo pusong,” ga supa Dr Dikoloti.

Fa a lekodisa banni ka palamente ya kabo madi, a re e ne e farologane, ka e simolotse beke tse dipedi pele ga nako e e beillweng.

“E simolotse pele ga nako ka re ne re tshwere bothata ka lekgotla le letona la mafatshefatshe la madi le ne le supa fa ditsamaiso tsa lefatshe la rona tsa theko le tiriso ya madi di tlhoka go baakanngwa,” a supa jalo.

Mopalamente Dikoloti o ne a rurifaletsa banni fa palamente e dirile ka natla go baakanya melao mengwe jaaka wa go tokafatsa boleng jwa madi, a supa fa e bile lekgotla la mafatshefatshe la tiriso ya madi le supile fa jaanong Botswana a setse ditsamaiso morago.

A re kabakanyo ya maphata e e sa tswang go dirwa, e tlaa thusa thata go atumetsa ditlamelo kwa bathong.

“Go na le lephata le lesha la dikgwebo, le ke dumelang thata gore le botlhokwa mo matshelong a Batswana, ka le tlaa tokafatsa Batswana go nna bagwebi.”

O ngongoregile gore banni ga ba dirise mananeo a dithuso tsa madi go itlhamela dikgwebo.

A re dipego di supa gore mo lenaneong la go thusa banana la Young Development Fund (YDF) go thusitswe fela banana ba le masome a mabedi mo motseng oo, fa e sale thulaganyo eo e simolola.

A re dipalo tsa ba ba thusitsweng ka nyeletso lehuma le tsone di kwa tlase, a kopa gore ba ikemele ka dinao ba akole mananeo a, ka a diretswe Batswana botlhe.

O tlhalositse fa tiro ya tsela ya Mmathethe-Bray e tlaa tsisa tsela ya sekontere ko motseng wa bone.

Fa a amogela baeng, Kgosi Matlhokgosi Matlho o supile fa a itumeletse ditlhabololo ka bontsi tse di tsileng mo motseng wa gagwe.

O ne a supa fa go setse go goketswe motlakase mo motseng, a supa banni fa ba setse ba tsentse motlakase mo matlong ka bontsi.

Kgosi Matlho o ne a lebogela diofisi tsa barutabana tse di agwang mo sekoleng se sebotlana sa Lorolwane.

A re komiti ya ditlhabololo tsa motse e gatetse pele ka kago ya matlo a boroko go tlamela badirela puso. ENDS

 

Source : BOPA

Author : Thuso Kgakatsi

Location : LOROLWANE

Event : phuthegong ya kgotla

Date : 09 May 2022