Balemi-barui ba rotloediwa go direla leruo dijo ka di-tswa tshimong
08 May 2022
Balemi-barui ba masimo a Sajwe ba rotloeditswe go dirisa di-tswa tshimong go dira dijo tsa leruo.
Fa a bua mo kokoanong le balemi-barui ba masimo ao ka Laboraro, mothusa mogokaganyi wa lephata la temo-thuo mo kgaolong ya Legare, Rre Kenneth Mabote o ne a re go botlhokwa go ithuta gore di-tswa tshimong di ka dirwa jang go nna dijo tsa leruo.
O ba rotloeditse go tswa mo go tlhatlheleng leruo mo masimo, mme ba di direle dijo morago ga thobo.
O ne gape a ba tlhalosetsa fa moono wa kokoano eo, e ne e le gore ba rutane gore ga gona sepe se se latlhwang se tswa mo tshimong, le gore sepe se se mo tshimong se ka silwa, sa tswakanngwa le se sengwe.
Rre Mabote a re go di tswakanya ke le tsela ya go kopanya dikotla tse di farologanyeng.
Rre Mabote o ne gape a ba tlhalosetsa fa go itirela dijo tsa leruo go sa tsise dipoelo tse di botoka fela, mme gape go fokotsa go reka dijo tse di tswang kwa mafatsheng a sele.
O tlhalositse fa manokonoko a COVID-19 a ba lemotshitse fa ba tshwanetse go itirela gore ba nne ba ipaakanyeditse dikgwetlho tsa go nna jalo.
O ne a ba kopa gore ka thuto eo, ba supe tema mme e bile ba seka ba ipeela dithuto tseo ba di diragatse gore le bana ba bone ba tle ba anye mo go tsone.
Fa a tswa la gagwe, moitseanape wa ditshekatsheko tsa temo-thuo, Rre Slumber Badubi o tlhalositse fa ba tshwanetse go fetola ka fa ba akanyang ka teng le ka fa ba dirang dilo ka teng.
Rre Badubi a re fa ba ka akanya kgang eo sentle, ba bo ba e diragatsa ba ka ya golo gongwe e le lefatshe, bogolo thata fa go lebelelwa seemo se ba mo go sone, se se neng sa baka go tswala ga melelwane.
O ne a ba lemotsha gore ba tlhoka go dirisa tsotlhe tse ba di lemang sentle.
A re phetogo ya loapi e na le seabe mo goreng dijalo di seka tsa dira jaaka ba ne ba solofetse, ka jalo ba tlamega go tswa ka ditsela tsa go bona gore ba tswelela jang mo temo-thuong.
Rre Badubi o ne gape a ba tlhalosetsa gore megote e mentsi e e bakwang ke phetogo ya loapi e ama le leruo, ka jalo go botlhokwa gore ba emele leruo ka dinao fa go tla mo go le fepeng.
O ne a tlhalosa gape fa leruo le lone le tlhoka dijo tse di nang le dikotla, ka jalo go le mo maruding a morui gore a fepe leruo ka dijo tse di nang le dikotla tsotlhe.
Balemi-barui ba tlhalositse fa ba ithutile go le gontsi mo thutong eo, bangwe e bile ba tlhalosa fa ba ne ba a fa leruo di-tswa tshimong le fa ba ne ba sa lemoge gore ba mo tseleng e e siameng.
Mongwe wa balemi-barui, e bile e le mong wa lefelo le kokoano e neng e tshwaretswe mo go lone, Rre Mojamorago Ramogapi, o tlhalositse fa botshwakga le go nyatsana e le tsone mmaba mogolo.
Rre Ramogapi o ne gape a kopa balemi-barui ka ene go tshwaragana, a tlhalosa fa bokopano le bodirammogo bo ka ba tisetsa phenyo.
Le fa go ntse jalo, o ne a kopa lephata gore le ba buelele, ka a itemogetse fa dilo dingwe di akolwa ke ba ba nang le dilo, a a fa sekai ka lenaneo la go aba dipoo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Simane
Location : PALAPYE
Event : POTSOLOTSO
Date : 08 May 2022