Di VDC di gakololwa go dirisa madi a morafe sentle
08 May 2022
Banni ba dikgotla dingwe mo Serowe ba ngongoregetse go tlhoka go dirisa madi a setshaba sentle ga maloko a dikomiti tsa ditlhabolo tsa metse, selo se ba reng se tsala gore ditlhabololo di salele morago.
Ba ntshitse ngongora e kwa diphuthegong tse di neng di buisiwa ke mopalamente wa Serowe Bokone, Rre Baratiwa Mathoothe kwa kgotleng ya Maatso le Gookgope bosheng mo Serowe.
Banni ba boletse fa go sale go tlhophiwa dikomiti tse disha ngwaga o simolola mme go santse go le thata gore di simolole tiro.
Mopalamente o boleletswe fa go sale go emetswe menwana ya bone e e santseng e isitswe kwa mapodising go sekasekwa gore a ga ba ise ba dire borukutlhi bope.
Go emetswe gape gore dibuka tsa dikomiti tse dikgologolo di dupiwe pele ga di neelwa dikomitse tse di sha.
Tiego e nngwe mogolwane go tswa khanseleng-potlana ya Serowe, Rre Motshegetsi Gorileng o boletse fa e tsalwa ke gore dibuka dingwe di dupilwe mme go supa fa bangwe ba jele madi a dikomoti tseo. A re baanelwa bao ba gana go tla go tlhalosa gore ba dirisitse madi jang.
Rre Gorileng a boletse fa ditlhotlhomiso di santse di tshwerwe go bona gore madi a dirile eng.
Banni ba ne ba ngongorega gore dikomiti ga di ke di bitsa morafe go o lekodisa ka ditlhabololo tse ba di dirang e bile ga ba ke ba bitsa morafe ba o begela gore madi a ba a dirileng ke bokae le gore ba ikaelela go dira eng ka one.
Ba boletse fa maloko a dikomiti a sena morero le therisano le morafe le mororo ba tlhophilwe ke morafe mo kgotleng ba ba tshepha.
Mopalamente Mathoothe ene o ne a ba lekodisa ka melao-kakanyetso e e fetisitsweng kwa palamenteng le gore madi a dikgaolo tsa bopalamete a ditlhabololo a e leng P10 million a tlaa bulelwa.
O ba lekodisitse tsa kgaolo tse a batlang gore banana ba di dire go itlhamela mebereko. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : SEROWE -
Event : POTSOLOTSO
Date : 08 May 2022