Breaking News

Mokgatlho abile dimpho kwa Khuis

08 May 2022

 Mokgatlho wa Dikatakata Charitable Society (DCS) o supile mowa wa kutlwelobotlhoko le lorato ka go abela batho ba le barataro dijo le diaparo tsa bana kwa Khuis mo Kgalagadi Borwa bosheng.

Modulasetilo wa mokgatlho Mme Cecilia Gasefete o tlhalositse fa mokgatlho o simolodisitswe ke maloko a diphuthego tse di farologanyeng morago ga go itemogela manokonoko a kgatelelo ya maikutlo ka nako ya kiletso mesepele go itsa go anama ga bolwtse jwa COVID-19, bogolo jang mo go bomme, basetsanyana, dikhutsana le batlhoki.

O boletse fa o kwadisitswe semmuso ka 2021 ka maikaelelo a go aga le go tsholetsa serodumo le seriti sa bomme, ba dira jalo ka go tshwaraganngwa ke thapelo.

A re se, ke maiteko a go thusana le puso go tokofatsa matshelo a batho le go fokotsa lehuma.

Mongwe wa maloko go tswa Khuis, Mme Montlenyane January o boletse fa ba ne ba dumelana gore leloko lengwe lengwe le ntshe P250  mo malokong aa fetang makgolo a mabedi. A re madi a, ke one  a ba thusitseng  go abela ba le barataro mo Khuis.

O boletse fa ba ne ba simolodisa mokgatlho kwa Omaweneno mme a supa fa ba setse ba abetse batlhoki ba feta 70  mo metseng ee farologanyeng mo Kgalagadi Borwa.

Mme January o supile fa ba itsetsepetse ka lefoko la Modimo mme ba tshwaragana ba dirisa maranyane go rapelela tswelelopele ya mokgatlho le tsotlhe tse ba di tlhokang go ka direla setshaba.

Fa a amogela dijo tseo, mmaboipelego wa Khuis Mme Tshepang Metlhono, o ne a supa fa ba dirile tiro e ntle ka jaana puso e tshwere phage ka mangana ka go tlhokomela batlhoki. Mongwe wa ba ba abetsweng Mme Margret Bapalang o ne a supa fa le bone ba tlaa tshela.

A re puso e ka seke e kgone go tlhokomela batlhoki e le nosi.Go le pele fa a amogela baeng, Kgosi Bothata Botsheleng wa Khuis o ne a lebogela tiro e ntle e e dirwang ke Mokgatlho oo mme a kopa ba bangwe go kwatabolotsa mo go bone.

One a ba kopa go tswela kwa ntle le mo metseng e e mabapi go otlolola letsogo. BOKHUTLO

 

 

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : KHUIS

Event : Kabo dimpho

Date : 08 May 2022