Ba kopiwa go itshireletsa kgatlhanong le malaria
08 May 2022
E ne ya re ka Labotlhano Lephata la Botsogo mo kgaolong ya Ngami la dira mogwanto go ruta banni ba Maun ka bolwetse jwa malaria.
E rile a bua kwa letsatsing la mafatshe la malaria morago ga mogwanto oo, mokhanselara wa Boyei, Rre Ntlogelang Kebonyekgotla a tlhalosa fa mongwe le mongwe a na le karolo e a tshwanetseng go e diragatsa go lwantsha malaria.
O rotloeditse setshaba go iphemela ka go netefatsa gore ga ba longwe ke monang le gore ba tswale matlhaba phefo fa letsatsi le phirima.
A re setshaba se ka tsaya karolo ka go phepafatsa tikologo e ba nnang mo go yone, segolo jang go latlha matlakala gore monang o seka wa tsalela mo lesweng leo.
Rre Kebonyekgotla a re kgaolo ya Ngami e abelwa matloa a a sireletsang kgatlhanong le monang mme go lemosegilwe fa ba dirisa matloa ao ditiro di sele.
O kgothaditse Batswana go letlelela gore matlo a bone a gasiwe ka molemo o o bolayang monang go nale go kganelela badiri kwa ntle fa ba tla go dira tiro ya go gasa molemo.
O supile fa ka 2019 go gasitswe 77 per cent ya matlo a a neng a tshwanetse go gasiwa fa ka 2020 ba atlegile ka 72 per cent mme ka 2021 palo eo ya wela tlase go ya kwa go 57 per cent.
O ne a tlhalosa fa kgaolo ya Ngami e nnile le dikgang tse di ferang bobedi tsa malaria ka 2019, ka 2020 di nnile masome mabedi le bosupa fa ka 2021 di ne tsa nna masome a a ferang bongwe le bosupa mme fa e sale ka 2022 o simolola go gatisitswe di le masome matlhano le boferabobedi le loso lo le lengwe.
O kopile Batswana gore ka nako e bolwetse jwa malaria bo anamang thata ka kgwedi ya Phalane go ya Motsheganong ba nne ba itekodisa bongaka fa ba opiwa ke thogo phetelela kana ba itemogela dikai tse ba sa di tlwaelang.
Mookamela lephata la botsogo mo kgaolong ya Bokone Bophirima, Dr Sandra Maripe a re ba lemogile fa go le botlhokwa go gasa melaetsa go ruta batho ka bolwetse jwa malaria, ka jalo ba ne ba tshwara thutopuisanyo e.
O buile fa go le botlhokwa gore Motswana mongwe le mongwe kwa a teng a tseye dikgakololo tsa ba botsogo go iphemela mo go tsenweng ke malaria.
A re bone e le badiri ba botsogo ba itlamile go direla lefatshe la Botswana ka natla go fitlhelela maitlamo a Vision 2036 a go nyeletsa bolwetse jwa malaria a kgonagala.
Kgosana ya kgotlana ya Boyei mo Maun, Rre Moeti Moeti o boletse fa kgaolo ya Ngami e le mo diphatseng tsa go angwa ke malaria ka ntlha ya gore e dikaganyeditswe ke dinoka tse di nnang di ela.
A re monang o rata thata fa go leng bongola e bile go na le ditlhare jaaka mo kgaolong ya Ngami, ka jalo a kopa banni gore ba itlwaetse go nna ba etela ba botsogo go ithuta ka bolwetse jo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Ikgopoleng
Location : MAUN -
Event : Letsatsi la mafatshe la malaria
Date : 08 May 2022