Tautona o tlhomile mowa wa therisanyo kwa pele
08 May 2022
Ka Lorato Gaofise
MOTOPI - Mothusa Tautona, Rre Slumber Tsogwane a re Tautona Dr Mokgweetsi Masisi o tlhomile kwa pele lenaneo la gore sengwe le sengwe se dirwe ka therisanyo le gore setshaba se tllhaloganye kwa a batlang go isa itsholelo ya lefatshe teng.
Fa a buisa phuthego ya baemedi ba barutabana kwa Motopi ka Labone, Rre Slumber Tsogwane, yo gape e leng mopalamente wa Boteti Bophirima, o supile fa maikaelelo a phuthego e le go lekola le go buisana le barutabana ka ditsamaiso, mananeo le diphetogo tse di diragalang mo pusong ka di ba ama e le bodiredi jwa puso.
A re bontsi jwa bodiredi jwa puso ga bo kgone go bona sebaka sa go tsena diphuthego tsa kgotla go reetsa matona Btv go itheeletsa ka diphetogo le mananeo a puso ka gantsi ba a bo ba theogetse fa diphuthego di tsene.
A re o bone go le botlhokwa go kopana le baemedi ba barutabana, go ba tlhalosetse ka diphetogo le mananeo ka le bone ba amega, ga mmogo le go ikutlwela matshwenyego a ba lebaneng le one mo tirong.
Keletso le maikaelelo a gagwe, a re ke go nna a ntse a kopana le bodiredi jo bo mo kgaolong, go bona fa ba direlang teng le go ikutlwela ka dikgwetlho tse di ba kgoreletsang go dira tiro ka manontlhotlho.
“Gompieno ke lona barutabana, nako e nngwe e tlaa bo e le bodiredi jo bongwe jo bo mo kgaolong.
Mme go tsaya lebaka gore re kopane ka ntata ya ditiro.
Dithomo tsa rona di dintsi mo e leng gore ga re kake ra kopana kgapetsakgapetsa jaaka gongwe motho a ne a eleditse,” Rre Tsogwane a tlhalosa.
Gangwe le gape, Rre Tsogwane a re go botlhokwa gore baeteledipele ba iiphe sebaka go lekola le go kopana le bodiredi jwa puso, bogolo jang jo bo kwa dikgaolong.
Go dira jalo, a re go ka thusa go kgothatsa bodiredi ka go ba thusa go tsibogela ka potlako, matshwenyego le dikgwetlho tse di ka tswang di ba lebane mo go iseng ditirelo kwa setshabeng.
Ka barutabana e le bontlha bongwe jwa tshekatsheko phetolo ya molao-motheo, Mothusa Tautona o ba rotloeditse gore le bone ba tseye karolo mo go ntsheng megopolo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lorato Gaofise
Location : MOTOPI
Event : Phuthego
Date : 08 May 2022