Breaking News

Go aga lelapa go tlhoka therisanyo

08 May 2022

Moeteledipele wa lekgotla la Dingwetsi Association, Mme Grace Silver o kgothaditse banyalani go ikaega ka lefoko la Modimo ka go dira jalo go ka thusa mo kagong ya malapa a motia.

Mme Silver o ntshitse kgothatso e mo bokopanong jwa mokgatlho wa Dingwetsi Association of Botswana mo Tsabong ka Labotlhano jaaka ba tsweletse mo letsholong la go aga le go tiisa malapa lefatshe ka bophara.

O ne a supa fa kago ya lelapa e tlhoka bobedi jo bo ititeileng sehuba ba tshwaragane mo loratong ka tlotlano, therisano, neelano e bile go direlwa sengwe le sengwe mo pontsheng.

O ne a tlhalosa fa lenyalo e le selo se se tlhodilweng ke Modimo ka go bopa monna le mosadi mme bobedi jo e nne nama e le nngwe, ka jalo a gakolola borre go rata basadi ba bone a bo a rotloetsa bomme go tlotla le go reetsa borre ba bone jaaka mafoko a a molemo a Baebele a bolela.

Moeteledipele o supile fa mokgatlho o, o sa beye sebete tlhalo ka jaana e na le ditlamorago tse di sa siamang bogolo jang ka bana ba sala mo legoeleleng morago ga go kgaogana ga batsadi.

Mme silver o tlhalositse fa mokgatlho wa bone o thusa banyalani ka dithuto le dikgakololo pele ga ba tsena mo nyalong le go ithuta mo go tseneletseng ka botlhokwa jwa lenyalo le dikgwetlho tse ba tlaa kopanang le tsone gore ba kgone go di ipaakanyetsa nako e sale teng.

O boletse fa maikaelelo a mokgatlho wa Dingwetsi Association e le go aga malapa le go busetsa seriti sa lenyalo mo tseleng.

Mme Silver buile a sa kgwe mathe ka borre ba ba nyetseng e bile ba na le madi ka ba dirisa basetsanayana ba ba kwa tlase ka dingwaga botlhaswa, selo se a supileng fa e le go ba senyetsa bokamoso le go leswefatsa malapa a bone le go a diga seriti.

O ne a kopa dikgosi go sekaseka dikgang tsa magadi ka mo nakong eno a tura, selo se a supileng fa se na le seabe se se ntsi mo go palediseng bangwe go nyala.

Go le pele fa a amogela morafe mo kgotleng, Kgosi David Toto II wa Tsabong e bile e le moemedi wa Kgalagadi Borwa kwa Ntlo ya Dikgosi o ne a supa fa Dingwetsi Association e le botlhokwa ka le bone e le borara ba ba nyadisang ba tlaa kwatobolotsa mo go bone gore kwa bofelong ba age le go bopa malapa a a nang le kagiso.

Mokhanselara wa Tsabong Bokone, Rre Edward Coetzee o supile fa mokgatlho o tlaa tsisa pharologanyo mo kgaolong eo.

A re malapa a a tshwaraganeng sentle a bopa motse o o nang le kagiso.

Rre Coetzee o gakolotse dingwetsi tsa motse oo, go nna sekao ka botho, maitseo le tlotlo ka go ka bopa malapa le mo isagong.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : TSABONG

Event : POTSOLOTSO

Date : 08 May 2022