Breaking News

Mapodisi a tlhotlhomisa dintsho tsa bana ba bararo

08 May 2022

Mapodisi a Kang a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone, bana ba le bararo ba tlhokafetse, morago ga gore ntlo e ba neng ba robetse mo go yone e šhe ya ba ya lora.

Mo puisanong le mookamela mapodise a Kang, Superitendent Elias Magosi, o tlhalositse fa tiragalo eo, e diragetse kwa sekoleng sa ithutelo tiro ya diatla sa Kang. 

Supt Magosi a re bana bao, yo mongwe o dingwaga tse thataro, yo mongwe dingwaga di tharo fa yo monnye a le di kgwedi tse thataro. 

A re tiragalo eo, ba e begetswe ke mofiti le tsela ka makuku a naka tsa kgomo ka Matlhatso.

Supt Magosi a re ba ne ba ragogela kwa lefelong la tiragalo, mme ba kgona go tima molelo o, ka thuso ya banni ba motse. 

A re morago ga maiteko a go tima molelo o, ba ne ba fitlhela mebele e e lebegang jaaka ya batho e le meraro e babaletswe ke molelo mme ba e ragogesetsa kwa kokelwaneng ya Kang, go tlhatlhobiwa ke dingaka,kwa go neng ga rurifadiwa fa ba setse tlhokafetse.

O tlhalositse gore ga go itsewe se se bakileng molelo , mme ditlhotlhomiso di santse di tsweletse. 

Supt Magosi a re ba tshwaragane le batsadi ba bana bao go ba thusa ka ditlhotlhomiso. 

O ne a tlhalosa gape, fa go sena sepe se ba kgonneng go se ntsha mo ntlun eo, ka jalo ga ba itse  madi a dithoto tse di senyegile. 

O ne a tlhalosa fa tiragalo eo, e se ya ntlha go gatisiwa mo kgaolong ya bone ya sepodise, mme a kopa batsadi go nna ba tlogela bana le batlhokomedi kana le baagisanyi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Malebogo Lekula

Location : KANG

Event : potsolotso

Date : 08 May 2022