Breaking News

Banni ba lela ka letlhoko la melemo kwa dikokelwaneng

05 May 2022

Banni ba dikgotla tsa Ditharapa le Mere kwa Serowe mo kgaolong ya Legare ba ikuetse ka seemo se se ngomolang pelo sa letlhoko la melemo mo dikokelwaneng.

Ba supile mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke Mopalamente Baratiwa Mathoothe ka Laboraro fa ba utlwa magatwe a gore go na le thulaganyo e e dirwang gore ba kgone go tsaya melemo kwa go ba ba ikemetseng, mme ba sa itse bonnete jwa menahune e.

E rile a ba tlhalosetsa ka thulaganyo e, mogolwane kwa ofising ya Serowe Bokone, Rre Gaeelwe Kennekae a re ba tshwanetse go tsena mo dikokelwaneng tsa bone ba kopa thuso mme go na le pampiri e e tladiwang e bo e saenwa ke molwetse le ba bongaka.

A re go tswa foo pampiri e e isiwa kwa barekising ba melemo  ba ba ikemetseng mme morago molwetse a lelediwe gore a tle go tsaya karata ya go tsaya melemo.

Fa a ba lekodisa, Rre Mathoothe o kaile fa a itumelela sebaka se a se boneng go tla go ba tlhola morago ga lobaka lo loleele ba sa lekodisaneng ntateng ya COVID- 19 mme a ba kopa go tswelela ba itlhokomela ka bolwetse bo santse bo le teng.

Mopalamente Mathoothe o supile fa lenaneo le lesha la ISAPAAD le tlaa bo le batla gore moikopedi a supe gore dipeo tse a di filweng ke puso o dirile jang ka tsone, ka jalo a ba kopa gore ba simolole go baakanyetsa letsema le le tlang.

Mopalamente Mathoothe a re puso ga e na madi, ka jalo ga go na go nna le ditiro tse di ntsi tsa ditlhabololo mo ngwageng ono wa madi.

A re puso e ya go tsweledisa tse di leng teng le go baakanya dikole, dikokelo le ditsela, a tlhalosa fa tsela ya Serowe/Palapye e ya go dirwa gore e ye go wela kwa Palapye.

O bile a supa gore ditiro tsa go baakanya dikago di tshwanetse tsa dirwa ke bana ba kgaolo, fa go sena yo o nang le bokgoni e be e le gone go ka tsewang batho ba ba kwa dikgaolong di sele. 

A re se se direlelwa gore batho ba kgaolo le bone ba tle ba kgone go oba letsogo ba tshetse ba malwapa a bone.

A re ba na le dingwaga tse pedi madi a a fiwang dikgaolo tsa botlhophi a seyo, mme ka lesego monongwaga ba kgonne go a bona.

O ne a ba kopa gore ba dirise madi ao mo ditirong tse di tlaa nnang le go ba direla letseno mo isagong, mme ba dire jalo ba na le badiri ba boipelego.

Mopalamente a re bogogi jwa kgaolo bo kopile sekgwa se se fa morago ga Lentswe Lodge gore ba tle ba se dirise go aga masaka a dikolobe, dihoko tsa dikoko le masaka a dikgomo tsa mashi, ba bo ba phutha banana ba ba se nang kwa ba direlang teng go ba thusa.

A re o na le tshepo ya gore ba lekgotla la kabo-ditsha ba tlaa ba thusa.

Mopalamente a re fa ba dirile jalo, ene o tlaa ba thusa go batla mmaraka. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Chendzimu Mbaeva

Location : SEROWE

Event : phuthego ya kgotla

Date : 05 May 2022