WUC e agela Chanoga meriti ya maemelo a dipalamo
05 May 2022
Banni ba Chanoga mo kgaolong ya Bokone Bophoirima ba lebogetse maiteko a a dirwang ke dikhamphani tse di ikemetseng le Batswana ka kakaretso go tlotlomatsa leina la Chanoga.
E rile a bua kwa kabong ya meriti ya maemelo a dipalamo a a agilweng ke koporasi ya metsi (WUC) ka Laboraro, Kgosi Oateng Setlhodi wa Chanoga a tlhalosa fa motse wa bone o ngoka bajanala ka bontsi ka go bo o ikadile letshitshing la noka ya Boteti e e ratwang bobe ke batho.
O supile fa meriti e e beilwe sentle mo matlhakoreng oo mabedi a tsela fa go palamelwang teng fa batho ba tswa le go goroga mo Chanoga. Kgosi Setlhodi o boletse fa meriti e e kgabisitse Chanoga ka go bo e agilwe bontlenyane, a tlatsa ka go re batho ba gagwe ba tlaa seke ba newe ke pula kana ba bolawe ke letsatsi fa ba emetse dipalamo.
O tlhalositse fa ba tlaa tlhokomela meriti e le go tsibosa setshaba go tlhokomela mpho e gore e seka ya tsoga e onetse.
Mookamedi wa koporase ya metsi mo Maun, Rre Paul Mafavuneh o tlhalositse fa ba lemogile fa morafe wa Chanoga o sotlwa ke diemo tsa loapi di tshwana le dipula, diphefo le letsatsi fa ba emetse dipalamo.
A re ka jalo ba bone go tshwanela gore ba diragatse maitlamo a bone a go direla setshaba ka go agela Chanoga maemelo a a dipalamo a a jeleng P76 000.
Rre Mafavuneh o ne a tlhalosa fa koporase e kwadile melaetsa e e botlhokwa mo meriting e gore setshaba se kgone go bala le go ithuta ka ditirelo tse di fiwang ke WUC.
Mookamedi o boletse fa go le maleba gore jaaka ba bereka le setshaba ba nne ba tsena mo setshabeng go thusa fa se tlhaelang teng. A re go mo maruding a morafe wa Chanoga go tlhomamisa gore meriti e a tlhokomelwa gore e tle e nne le boleng le dingwaga tse di tlang.
“Go mo go lona go tlhomamisa gore ope ga a senye meriti e e bile mekwalo e e kwadilweng foo ga e sutlhwe le go senngwa gore ba rotlhe re tle re ithute re tlhaloganye maitlamo a koporase ya metsi.’’
O lebogile badiri ka ene go bo ba dirile ka natla go lemoga fa Chanoga a tlhoka meriti ya maemelo a dipalamo.
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo mo motseng le mokhanselara wa Chanoga/Phuduhudu, Rre Lesole Dimbungu le Rre Geoffrey Sekuni ka go latelana ga bone ba ne ba iteela maiteko a seatla ba re meriti e e kgabisitse motse wa bone.
Ba tlhalositse fa banni ba Chanoga ba tlaa gakologelwa koporase ya metsi ka dinako tsotlhe, segolo jang ka dinako tsa dipula le letsatsi fa ba sireleditswe kemeriti e. Ba buile fa meriti e e beilwe sentle gaufi le tsela e e yang kwa nokeng ya Boteti kwa batho ba ratang go direla maitiso teng le go palama mekoro. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Ikgopoleng
Location : CHANOGA
Event : kabo ya meriti ya maemelo a dipalamo
Date : 05 May 2022