Ntsa ke modisa yo o molemo
05 May 2022
Ntsa ke modisa yo o molemo yo o ka namola barui ba ka bontsi ba lelang sa ga Ragele ka leruo le le jewang ke dibatana jaaka bo phokoje le diphiri kwa mahudisong.
Fela jaaka modisa, fa e rutwa sentle e kgona go disa leruo mo dijing.
Se se builwe ke molemi-morui kwa masimong a a bapileng le Paje, Rre Goitsemodimo Kotokwe, yo o kgotsofadiwang ke ka fa ntsa ya gagwe e disang dihutshane ka teng.
Mo potsolosong bosheng, Rre Kotokwe o boletse fa ntsa ya gagwe ya letsopa la Setikara, e mo inotse mo manokonokong a go jelwa dihutshane, selo se se santseng se babalela barui ka ene.
O boletse fa a simolotse a godisetsa Radipodi (leina la ntsa)mo lesakeng la dihutshane mme ya tlwaela le go gola le tsone, morago ya tsamaya le tsone kwa madisong.
Radipodi o itse dihutshane tsa gagwe bobe e bile fa a le kwa madisong ga go na sebatana se se ka lekeletsang go tsena mo go tsone.
Fa dipodi dingwe di ka leka go kopana le tsa gagwe o nna bogale thata, a di garumele mo a ka felelang a baka tshololo ya madi.
Rre Kotokwe o boletse fa a tlhokomela Radipodi ka dijo ka go bo e dira tiro e e botlhokwa, a re le yone e tlhoka tlhokomelo gore e nne le mosola.
O boletse fa Radipodi a le marapo thata e bile fa e tshwere sengwe a sa se lese motlhofo.
Mo godimo ga moo, ngwana wa ga Rre Kotokwe o ruile mohuta wa dintsa tseo mme di rekwa bobe ke batho go tswa mafelong a a farologanyeng.
O boletse fa ntsanyana ya dibeke tse tlhano e rekwa P2 500.
A re mofuta o wa dintsa o ratwa bobe ke batho ba kgatlhwa ke maitseo a tsone le boboa jo bontle. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : PAJE
Event : POTSOLOTSO
Date : 05 May 2022