Tshere o lekola morafe wa Mahalapye
05 May 2022
Mothusa kgosi kwa Mahalapye, Kgosi Tshipe Tshipe o gateletse botlhokwa jwa gore morafe le mopalamente ba lekodisane.
A re go dira jalo go thusa go lemotsha morafe ka mananeo a puso le go rarabolola dikgwetlho tse di ka bong di le teng.
Kgosi Tshipe yo o neng a bua kwa phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa Mahalapye Bophirima, Rre David Tshere, o ngongoregile ka ditlhwatlhwa tse di tsholetsegileng mme go sena ditiro.
A re go sekasekwe gore ditiro di ka tlhangwa jang.
A re Mahalapye o tlhoka dikhamphani tse di ka tlhamang ditiro ka e bile motse o na le batho ba bantsi.
O supile gape fa ditsela tse di fa gare ga motse di onetse.
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Boniface Disho ene a re ga a itumedisiwe ke ka fa bagwebi ba itlhokomolosang go phepafatsa motse ka teng.
A re motse ga o kgatlhe mme o kopile beng ba dikgwebo go nna le seabe mo go o direng phepa.
A re motse o lefifi le ntswa go na le dipone mo ditseleng mme a kopa ba ba maleba go di baakanya.
O kopile gore dipalo tsa babereki ba Ipelegeng di okediwe gore motse o tlhabologe, ka e bile bontsi bo ikwadisa.
Fa a tswa la gagwe, Mopalamente Tshere o kgothaditse banni gore e re fa nako ya go kopana le lekoko le le eteletseng pele tshekatsheko ya molao-motheo e goroga, ba iketleeletse, go ya go ntsha matshwenyego a bone.
Rre Tshere a re khansele e filwe P500 000 go baakanya dipone tsa mekgwatha mo motseng mme madi ao ga a a lekana le fa gone dingwe di bereka.
A re sekgoreletsi se sengwe ke go utswiwa ga megala ya motlakase.
Dingwe tsa ditirelo tse di baakantsweng a re ke mesele e e fetisang metsi, dipone, tanka ya kgopho metsi a a leswe mme a supa fa madi a sa lekana go araba dilelo tsotlhe.
Mabapi le seemo sa maemelo a dipalamo tsa setshaba kwa Mahalapye, Rre Tshere a re madi a ne a sa lekane gore go ka hirwa baitseanape go tlhatlhoba mmu le go aga, ke gone mo go bakileng seemo se lefelo leo le leng mo go sone.
Rre Tshere o kopile banni go ba inela diatla metsing ka ‘matlhabisa ditlhong’ ao mme a solofetsa banni gore seemo se tlaa baakanngwa ka go batlilwe baitseanape mme dipaakanyo go solofelwa di sena go diega.
Rre Tshere o boletse fa ditsela di tlhoka go baakanngwa ka gore motse o lerole o ama botsogo jwa batho.
“Madi a ditlhabololo a a abetsweng kgaolo re tlaa tlhabolola ditsela tse di neng di sa fela re bo re dira mosele wa kgopho ya metsi a a leswe.
Ke dumela fa tiro e e tlaa fetsa matshwenyego a go tsenelelwa ke metsi mo malwapeng,” Rre Tshere a tlhalosa.
O tlhalositse fa a tlaa dirisa madi a a fiwang dikgaolo tsa botlhophi go tlhabolola makgotla gore go nne le fa magosi a ka buisang morafe a le teng gore ditiro tsa motse di tswelele.
Modulasetilo wa khansele ya Mahalapye, Rre David Merementsi ene a re madi a ba a neelwang ga a a lekane mme a solofetsa gore fa se ba se solofetseng se tla ba tlaa feleletsa mo go neng go simolotswe dingwaga tse di fetileng.
Rre Merementsi o tlhalositse fa ba santse ba emetse go neelwa madi a a ka shafatsang ditsela gore di boele mo seemong. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gaone Fati
Location : MAHALAPYE
Event : PHUTHEGO
Date : 05 May 2022