Breaking News

A ba patelediwe go tsenelela lenaneo

04 May 2022

Molao-motheo o tshwanetse wa pateletsa bomme ba ba imang ba tshela ka mogare wa HIV/AIDS go tsenelela lenaneo le le thibelang mogare go tswa mo go mmangwana go ya kwa leseeng.

Se se builwe ke leloko la mokgatlho wa Ditshegwane Support Group, Mme Tshoganetso Lebuletswe mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke lekoko le le tlhomilweng ke Tautona go etelela pele tshekatsheko molao-motheo ka Labobedi ko Letlhakeng.

O tlhaloseditse lekoko fa go ngomola-pelo gore e re ntswa puso e tsile ka mananeo a tshwana le la go thibela mogare go tswa mo go mmangwana go ya kwa ngwaneng go bo go santse go na le masea a a belegwang a na le mogare wa HIV/AIDS.

“Ke itemogetse gore go na le bana ba eleng gore ba tsholwa ka mogare wa HIV/AIDS le mororo go na le PMTCT. Bothata ke gore basadi ba re tshelang ka mogare ra re ga re pateletswe go tsaya diritibatsi re baya masea mo bodiphatseng ka go fitisetsa mogare kwa go bone,” o ne a bua jaana a kopa gore go tsenngwe ntlha ya molao e e tlaa pateletsang Mme wa go nna jalo go tsenelela lenaneo la thibelo mogare go fetela kwa ngwaneng.

O ne a kgala thata batho bangwe ba a reng ba fiwa dipilisi tsa diritibatsi mme morago ba di tlogele. A re gole gantsi batho ba go nna jalo ba felela ba fitisetsa mogare wa HIV/AIDS mo bakapelong ba bone.

“Nna ke le motshela le mogare ke ne kere a go dirwe molao o o tlaa re pateletsang gore re nwe dipilisi re le batshela-le-mogare ntle le maikutlo kgotsa boikgethelo ja bope,” o ne a bua jalo a tlatsa ka gore puso e latlhegelwa ke madi a mantis fela thata e reka dipilisi tsa go nna jalo.

Mme Selebaleng Kelwadile wa Letlhakeng Support Group e ne o ne a bolelela lekoko fa a tshwenyegile ka kgethololo ya batho ba ba tshelang ka mogare wa HIV/AIDS.

“Ka go dirwa molao a go tlhalosiwe gore re ikuela kae fa re kgetholotswe, ditshwanelo tsa rona ditlontlolotswe ke batho bangwe ba ba buang ka seemo sa rona mo setshabeng ntle le tetla ya rona,” a kopa jalo.

A re seemo se se dule mo taolong mo jaanong gonang le batho bangwe ba e a reng batho ba ba tshelang le mogare ba bone bakapelo, batho ba go nna jalo ba sianele ko bakapelong ba go nna jalo ba ba bolelele seemo sa bone.

Kgang e go ya ka Mme Kelwadile “e jela ba ba tshelang mogare masole a mmele” mo bangwe ba bone ba felelang ba tlogetse dipilisi ka ntlha ya go tshaba go kgethololwa.

Bomme ba e re ba belega ba felela ba amusitse bana ba sa tshwanela ka lebaka la go tshaba kgethololo.

A re kgethololo e, e aname ka le ko malwapeng e ntsi ebile bangwe ba masika le bone ba bifela go tlhakanela dijana le ba ba nang le mogare.

Kgosi Mighty Segwagwa wa Dikgosana Association e ne o ne a kopa gore khiro ya dikgosana e tsenngwe mo molao-motheong gore batle ba ba kgone go bona penshene le dithuso tsa bongaka.

Moruti Joseph Jacob yo eleng mothusa mokwaledi wa lekgotla la baruti o ne a supa ba eletsa go lemogiwa ke molao-motheo.

O ne a bolelela lekoko fa ba eletsa gore molao o pateletse dikereke tsotlhe go ikwadisa mo makgotleng a baruti.

A re go dira jalo go ya ka Moruti Jaco go ka thusa thata go tseela kereke epe e e ka tswang mo tseleng dikgato.

A tlatsa ka gore: “A go nne le thulaganyo ya gore re thusiwe ka madi re le lekgotla gore le rona re kgone go tsenya letsogo mo ditirong tse dingwe tsa morafe ntle le go rapela le go segofatsa.” BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mooketsi Mojalemotho

Location : LETLHAKENG

Event : Tshekatsheko molao-motheo

Date : 04 May 2022