Breaking News

Mokgatlho o tlhokomela bagolo le bana

04 May 2022

Mokgatlho wa Ntshegetse ke go Tshegetse o o itebagantseng le tlhokomelo ya bagolo le bana  o ne o ipelela ngwaga tse tharo o ntse o tsweletse ebile o tsosolositse botsogo jwa bagodi.
Kwa moletlong wa go ipelela botsogo jwa bagodi le tiro ya mokgatlho kwa Mahalapye bosheng, Kgosi Moseki Moseki wa kgotla ya Dilaene o ne a klegetse mokgatlho go bo o tsere boikarabelo jwa go bona gore bagodi ba tshela mo go faphegileng.


O tlhalositse fa mokgatho o dira tiro e ntle ya go thusa bagodi go lebala mathata a le go bona gore ba nna le botsogo jo bo siameng.
Mokgatlho o bereka le ba boipelego, baoki ba tlhaloganyo le ba ba itebagantseng le bagodi go leka go tokafatsa botsogo jwa bagodi.
Modulasetilo wa mokgatlho Rre Onkagetse Present o tlhalositse fa mokgatlho o kwadisitswe ka ngwaga wa 2019, ba simolotse ka bagolo bale masome a mabedi, mme a re palo eo, e godile go menagane.
O boletse fa maikaelelo a ele go thokomela bagolo le go thusa bana ditiro tsa sekole.


A re mokgatlho o itebagantse le bagodi ba ba nnang bale nosi, ba ba tlhokafaletsweng ke bana le ba ba tlhokileng lesego la thari.
Rre Present a re ba kopanetse botsogo jwa bagodi le ba botsogo ka go tsamaya ba lekola bagodi ba ba sa kgoneng go goroga kwa sepateleng e bile gape ba na le lenaneo la tshidilo maikutlo le le seka sekang gore bagolo ba tshela jang.


O boletse fa bangwe ba bagodi ba ne ba bona thuso ya bongaka ka bangwe ba ne ba itlhobogile ka lebaka la go tlhoka ba ba bathusang go goroga ko bookelong.
Rre Present a re kgwetlho ya bone ke lefelo le ba direlang mo go lone. A re keletso ke go nna le lefelo le bagodi ba ka itshidilang mo go lone ba bo ba tlhola ba neelwa le dijo ba dira dithuto tsa bone ka tshosologo.


O tlhalositse fa kgwetlho e nngwe ele letlhoko la madi ka jalo ba patelesega go ntsha mo dipateng tsa bone go thokomela bagodi. Rre Present o boletse fa mokgatho o sena sepalamo se se ka thusang bagolo go ya bookelong ka jalo ba ikuela mo go botlhe go ba thusa.
Mme Gabofele Chipahura wa kgotla ya Tidimalo o boletse fa a okilwe ke lerato mo mokgatlhong, mme a itumelela dithuto tsa itshidilo mmele tse ba di fiwang fa ba tlile bokopanong.
O supile fa dithuto di ba tiisitse moko ebile ba rutilwe go nna lebole le go boelana le ba malwapa a bone.


Mokhanselara wa Madiba ward Rre Kamogelo Kgotlaetsile o lebogetse dimpho tse di neetsweng bagodi go tswa kwa mokgatlhong wa Rotary club.
O rotloeditse mokgatlho go anama le lefatshe gore o kgone go fitlhelela ditoro tsa one.
A re maloko a mokgatlho a tswelele ka go  supa boineelo jwa bone mo dikgwetlhong tsotlhe tse ba di raletseng  e bile a ba rotloetsa go tswelela ka go tshwaragana le go thusa bagodi ka kakaretso. BOKHUTLO

 

Source : BOPA

Author : Gaone Fati le Onkarabile Moeng

Location : MAHALAPYE

Event : moletlo wa go ipelela botsogo ja bagodi

Date : 04 May 2022