Breaking News

Ditlhabololo tsa Nkange di tlaa tswelela

04 May 2022

Banni ba Nswazwi, Makuta le Matobo, mo kgaolong ya Nkange, ba boleletswe fa ditlhabololo dingwe tse ba di kopileng di tla tswelela morago ga go abiwa ga madi a kgaolo a a abetsweng mopalamente a constituency community project (CCP).  


Mopalamente wa kgaolo ya Nkange, Dr Never Tshabang o boletse jalo kwa phuthegong ya kgotla kwa metseng eo ka Labobedi.
A re ditiro di tshwana kago ya matlo a kamore tsa boroko tse pedi (LA2), sekole sa bananyana le kago ya leobo ke mangwe mananeo a tlaa dirwang ka madi ao mo kgaolong ya gagwe.

Dr Tshabang o boletse fa a beile monwana go rebola tiriso ya madi ao, ka jalo a re go saletse ba khansele potlana ya Tutume go tsweledisa tiro tseo go bona fa di tsamaya sentle le go wediwa ka nako.
O ne a lekodisa banni ka seemo sa motlakase le maranyane a ditlhaeletsanyo a megala ya letheka se ba kileng ba supa matshwenyego ka sone mo diphuthego tse di fitileng.


O tlhalositse fa ba komponi ya motlakase ya Botswana Power Corporation (BPC) ba boletse fa mapako a motlakase a mangwe a setse a jelwe ke motlhwa le lefelo la mafaratlhatlha (transformer) le batla go katolosiwa. Ka jalo a supa fa ba BPC ba tsweletse ka thulaganyo ya go baakanya seemo seo. O ne gape a supa fa ba Mascom le bone ba tsweletse ka go tokafatsa seemo ka mo nakong ya gompieno ba tsweletswe ka go gokela megala.


Dr Tshabang a re thulaganyo ya go aga kokelo ya Tutume e e neng e abetswe madi a P500 million go supegetse fa madi ao a ka se lekane tiro eo ka jalo ba ba tsamaisang lenaneo leo ba tlhalositse fa go tlaa dirwa bontlha bongwe jwa tiro eo.
Mo go tse dingwe, Dr Tshabang o boletse fa dikgaolo tsa botlhophi di tlaa okediwa ka tse nne go nna masome a marataro le bongwe (61). Banni ba ne ba leboga thulaganyo ya go ba siela metsi go tswa letamong la Ntimbale. Ba re seo se arabile selelo sa bone sa lenyora le metsi a a letswai a ba neng ba a nwa go tswa didibeng tsa Maitengwe.
Ba ile ba lela ka bonya jo komponi ya metsi ya Water Utilities Corporation (WUC) e bo tsayang go gokela metsi mo malwapeng. Ba boletse fa seo se tshwenya thata ka e bile go sena dipompo tsa setshaba mo motseng tse batho ba ka e thusang ka tsone.


Ba kopa ba komponi ya metsi le ya motlakase go phatlalatsa metsi le motlakase ka motse o gola tsatsi le letsatsi.
Kwa Nswazwi le Matobo banni ba ne ba ngongorega ka dikoloi tse di rwalang balwetsi mo metseng eo ka bobedi ba re ba a sokola ka ba na le lebaka le le telele ba sena dikoloi tseo tsa balwetsi.
Modulasetilo wa ditlhabololo tsa motse wa Makuta, Rre Kitso Mukani o ne a ngongorega ka bonya jwa puso go aga kokelwana ya motse oo. A re seemo sa teng se ngomola pelo ka batho ba thusetswa mo ntlwaneng ya nakwana (caravan) e le yone e onetseng e sa kgone go ka dirisiwa ka nako tsa dipula.


Fa a araba mangwe a matshwenyego a banni, Dr Tshabang o boletse fa a tlaa latedisa kgang ya koloi ya balwetsi ya mo metseng le ba lephata la botsogo.
O tlhalositse fa kokelwana ya Makuta e ne e tshwanetswe go dirwa ka thulaganyo ya Economic Stimulus programme(ESP) ka jalo ya seka ya akarediwa mo mananeong a ditlhabololo(DDPNDP). A re lenaneo ga le sa tlhole le le teng ka jalo ba tlaa leka go re e akarediwe mo lenaneo la ditogamaano la DDP12 fa go kgonega.


Dr Tshabang o ne gwetlha banni go nna matlho a puso mo go lwantsheng tshenyetso setshaba. A re ditiro dingwe ga di fele ka lebaka la go dira dilo ka tshokamo ke ba ba neetsweng boikarabelo jwa ditiro teo.
 O kopile banni bao go ititaya ka thupana go nyeletsa tshenyetso setshaba mo metseng ya bone ka ponyo ya leitlho.  BOKHUTLO

 

Source : BOPA

Author : Tebogo Masuruke

Location : MAKUTA

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 04 May 2022