Tirisano mmogo le morero konokono
04 May 2022
Tshwaragano ya bodiredi le dikomiti tsa metse e ka thusa go fefosa ditlhabololo tsa metse.
Mopalamente wa Serowe bokone, Rre Baratiwa Mathoothe o buile se mo diphuthegong tsa kgotla kwa Mabeleapudi le Paje ka Labobedi.
Rre Mathoothe o ne a kgotlhatsa morafe le badirelapuso go bereka mmogo gore ditlhabololo di seka tsa kgoreletsega.
O ne a supa fa go le botlhokwa gore badirelapuso ba tsene diphuthego tsa kgotla gore ba bo bale gaufi go araba fa go nna le dipotso tse di tlhokang gore maphata a di arabe.
Rre Mathoothe o ne a tlhalosetsa banni fa itsholelo ya lefatshe e ile kwa tlase, ebile se se amile go go dirwa ga ditlhabololo dingwe tsedi neng dile mo lenaneong la ditogamaano.
A re madi a a leng teng mo nakong eno, a tla bo a lebagane le ditiro tse di botlhokwa.
Mopalamente o boletse fa lenaneo la go fa madi a dikgaolo tsa bopalamenete jaanong le tla tswelela morago ga gore le eme ka nkwana. O ne a kopa morafe go re o rulaganye ditlhabololo tse ba batlang di dirwa, a ba gakolola gore e nne tse di tla thusang go dira madi a ditlhabololo go na le go letela puso go ba thusa.
O ba boleletse fa lenananeo la ISPAAD le lone le tla diragadiwa mme ele le le tokafaditsweng.
Fa ba mo kgwa dikgaba, banni ba Mabeleapudi ba ne ba ngongorega ka lephata la kaboditsha le ba boletseng le tsaya nako e telele go aba lefatshe la bonno le masimo.
Ba boletse fa motse wa bone o godile gape o lekanwe ke kokelo e tona.
Ba ne ba supa gape fa gole botlhokwa gore motlakase le metsi di anamisiwe le motse go thusa go fefosa ditlhabololo.
Kwa motseng wa Paje modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo Rre Ogomoditswe Kgoberego o boletse fa komiti e dira madi ka go dira ditena mme a bolela fa ditena tseo di kgonne go bulela banana ba motse diphatlha tsa mmereko.
Ba ngongoregile ka go tlhaela ga bodiredi jwa botsogo kwa kokelwaneng ya bone, e ba kopileng gore e katoloswe e tsholetswe maemo. BOKHUTLHO
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : SEROWE
Event : Diphuthego tsa kgotla
Date : 04 May 2022