Kgosi wa Mokwena o tlhomilwe
04 May 2022
Kgosi e thata ka morafe wa yone ka e le one o mo kgontshang go dira tiro ka botlalo. Kgosi kgolo ya Bakwena, Kgosi Kgari Sechele III o buile jalo fa a baa Kgosi Sechele Kgari mo setilong sa bogosana jwa kgotlana ya Mokwena, kwa Serowe bosheng.
A re tiro ya kgosi ke go letlanya le go kgobokanya morafe, gore o nne ka kagiso. O boletse fa morafe o ka gakololana le kgosi, ba bontsha kgosi fa go na le diphoso dingwe mme le ene o tshwanetse go ba reetsa, e sere golo gongwe ba mo digela ka lemena. Kgosi Kgari III o boletse fa kgosi a tshwanetse go tsaya morafe ka tekatekano, a sa gobelele ba bangwe.
Kgosi a re tirisano mmogo le morero di botlhokwa thata fa gare ga morafe le kgosi, a tlatsa ka gore, fa kgang ele thata, o ka e fetisetse ko go ba bagolwane mo go ene. O gakolotse bo rangwanaa kgosi go mo ema nokeng, ba thuse mo go tse ba bonang di batla thuso ya bone.
Kgosi Kgari III o gakolotse Kgosi Sechele gore a seka a ikgagapelela sengwe le sengwe, mme a dire le morafe le dikomiti tsotlhe tsa motse, le gore a tseye dikgakololo mo badireleng puso mabapi le dikgang tsa melao le mananeo.
Mongwe wa ba neng ba laa kgosi ene ele kgosana go tswa kwa kgotleng ya Lekgwapheng, kwa Molepolole, Kgosi Motshegetsi Garebakwena, yo boletseng fa bogosi ele tiro ee haphegileng, mme e tshwanetse go dirwa ka tlotlo. Kgosi Garebakwena o boletse fa bogosi bo tsalelwa, mme ebile gape leina la bogosi le tshwanetswe go tlotlwa.
O boletse fa thobane ee neng ya fiwa kgosi fa a kotama setilo, ele seikokotelo sa gagwe go mo tshegetsa fa a dira ditiro tsa bogosi. O mo gakolotse gore a amogele batho botlhe, ebile a sa tshwanela go gotlhagotlhana le puso.
Fa amogela setilo seo, Kgosi Sechele Kgari o boletse fa a ne a tshwarelelwa setilo ka lobaka le leele thata, a santse sekaseka gore a morafe o tla mo amogela sentle mo kgotleng ka bogosi bo rata go tsogelwa ke mekubukubu.
O kaile fa a tla dirisana le morafe ka botswapelo, mme o tla amogela dikgakololo tsotlhe tse di tlang ka morafe le badirelapuso.
A re kgotla ya Mokwena ke nngwe ya dikgotla tse di tona,e e nang le batho ba ba ntsi, a tlatsa ka gore kgotla ya Mokwena e lekane go nna motse oo ikemetseng ka nosi. ENDS
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : SEROWE -
Event : Peo ya Kgosana mo setilong
Date : 04 May 2022