Batsadi ba lela ka botlhoka-tsebe jwa bana
03 May 2022
Batsadi le batlhokomedi ba bana ba rotloeditswe go tsaya maikarabelo a go ba ruta ditlamorago tsa botlhoka-tsebe.
Modulasetilo wa Khansele ya Kgatleng Rre Daniel Molokwe o buile se kwa phuthegong ya kgotla kwa Phaphane bosheng, morago ga gore banni ba ikuele ka botlhoka-tsebe jo bo golang ka dipalo tse dintsi mo kgotleng eo.
O rotloeditse batsadi go baya bana leitlho go tswa bonnyeng, a re se, se ka thusa go lemoga diphetogo mo boitsholong jwa bana, ka lore lo ojwa le sale metsi.
A re batsadi ba tshwanetse go tshwaraganela dithuto tsa bana le barutabana.
Mookamela mapodise a Mochudi Superintendent Smash Mokoba are tiriso ya thupa ke nngwe ya tse di ka dirisiwang go tsenya bana mo tseleng, a gakolola gore e seka ya dirisetswa go kgokgontsha.
Are maitemogelo a gagwe ke gore malatsi ano batsadi ba godisa bana ba le nosi ba sa thusane le ba masika.
Superintendent Mokoba o kopile banni go tshwaraganela twantsho borukutlhi ka go tlhama mekgatlho ya ntebele-ke-go-lebele.
Banni ba kgotla ya Bophirima ba kopile gore go agiwe di speed humps bogolo jang fa pele ga sekolo sa Matsieng ka jaana go na le bana ba batlhoka-pono, le fa pele ga malwapa a a gaufi le tsela. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Sandra Sethaiso
Location : MOCHUDI
Event : phuthego ya kgotla
Date : 03 May 2022