A ditshwanelo di sireletswe
03 May 2022
Go botlhokwa go sekaseka melawana mengwe ya pereko go sireletsa ditshwanelo tsa babereki.
Se se builwe ke dibui ka go faralogana kwa moletlong wa go ipelela letsatsi la mafatshefatshe la babereki mo Maun bosheng.
Fa a amogela baeng, Kgosi Aleyo Ledimo o ne a supa fa babereki ka bontsi ba tsweletse ka go kgokgontshiwa, segolo bogolo bao ba ba direlang dikhamphane tse di ikemetseng, malwapa le meraka.
Kgosi Ledimo a re go le gantsi babereki ba dira tiro e ntsi go tsenya madi mo kgwebong mme e re morago ba duelwe madi a mannye go ya ka melao e beilweng (minimum wage) go nale go duelwa selekanyo se se ka ba tshetsang go ya ka ditshekatsheko tsa itsholelo (living wage).
O boletse fa babereki ba na le karolo e tona mo go godiseng kgwebo ya fa ba direlang teng ka jalo go le botlhokwa go sekegela matshwenyego a bone tsebe.
A re go botlhokwa gore puso, mohiri, modiri le makgotla a ditshwanelo tsa babereki ba tshwaraganele ditshwanelo tsa babereki.
Mo go la gagwe, mopalamente wa Maun Botlhaba, Rre Goretetse Kekgonegile o ne a supa fa a sa itumelele dikhamphane dingwe tse di thapileng batswakwa go dira ditiro tse di ka dirwang ke mang le mang.
Rre Kekgonegile a re go a gakgamatsa mo nakong ya gompieno go bona dikhamphane dingwe di reka didirisiwa di tshwana le tsa go phephafatsa le tsa kapei kwa mafatsheng a sele.
Ka jalo, o ne a kopa puso go sekaseka le go gagamatsa melawana go tlhomamisa gore dikhamphane ga di itlhokomolose melawana ya pereko ka go neela batswakwa ditiro tse di tshwanetseng go dirwa ke Batswana.
O tlhalositse fa ditshwanelo tsa babereki di le botlhokwa thata ka e le bone ba ba godisang itsholelo ka go reka ditlamelo gore madi a aname le lefatshe.
Moemedi wa khamphani e e tlholegang kwa Germany ya Friedrich-Ebert Stiftung, Rre Thilo Schoene, o tlhalositse fa lekgotla la bone le tswa kgakala le bereka le mafatshe go lwela ditshwanelo tsa babereki.
A re khamphani e thusitse makgotla a babereki mo Botswana go tsaya malebela a ditsamaiso le melawana ya pereko kwa lefatsheng la Germany.
Le fa go ntse jalo, a re ba tlhaloganya gore puso ya Botswana e mo dipuisanong le dikhamphani tse di ikemetseng le babereki go tokafatsa matshelo a Batswana.
Rre Schoene a re dipatlisiso di supile fa go letlelela badiri gore ba nne le seabe se setona mo tsamaisong ya khamphani go tlisa maduo, a a fa sekai ka ya Mercedez Benz le BMW kwa Germany tse a reng badiri ba sekegelwa tsebe ebile megopolo ya bone e dirisiwa go godisa khamphane.
Ka jalo o ne a kgothatsa makgotla a babereki go tswelela ka go buelela babereki go tlhomamisa gore ga ba kgopakgopadiwe ke ditsamaiso tsa fa ba berekelang teng.
Fa a tswa la gagwe, modulasetilo wa Business Botswana mo Maun, Rre James Evans o ne a supa fa go le botlhokwa gore badiri ba nne le lentswe go na le go gatakiwa ke mohiri go sena kwa ba ka ikuelang teng.
A re makgotlana a babereki a botlhokwa thata ka e le one a a buelelang bao ba ba senang lentswe, ka jalo a rotloetsa gore go nne le makgotla a mofuta o mo maphateng otlhe a tsa pereko.
Mo go tse dingwe, Rre Evans o boletse fa bojanala e le lengwe la makalana a amilweng thata ke seemo sa COVID-19 ka bontsi bo latlhegetswe ke ditiro, a supa fa kgaolo ya Bokone Bophirima e le nngwe ya tse di amegileng thata.
O tlhalositse fa Business Botswana e tshwaragane le dikhamphani go tlhomamisa gore babereki ba duelwa sentle ebile ba berekela mo diemong tse di siameng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Ikgopoleng
Location : MAUN
Event : moletlo wa go ipelela letsatsi la mafatshefatshe la babereki
Date : 03 May 2022