Breaking News

Moroki o lela ka kwelo-tlase ya dipoelo

02 May 2022

Fela jaaka dikgwebo tse dintsi tse di amilweng ke go tlhagoga ga bolwetsi jwa COVID-19, Martso Textile Fashion Design le yone e ne ya welwa ke seru sa kwelo tlase ya dipoelo.

Mookamedi wa madirelo ao, Mme Mme Soseni Moyo wa Paje yo o itshetsang ka go roka, o tlhalositse gore pele ga bolwetsi jwa COVID-19 bo tlhagoga  o ne a dira dipoelo tse di botoka fela thata.

Mme Moyo a re o simolotse kgwebo ya gagwe ka 2018 le Rre Martin Phetolo mo kgotleng ya Sesinyi kwa Paje.

A re o ithutetse go roka  kwa Zimbabwe ka ngwaga wa 1994 mme e bile o na le setlankana sa dressmaking, cutting and designing. O tsweletse a tlhalosa gore o na le lerato le le ntsi la go roka ka jalo kgwebo ya gagwe ga a e direla go itshetsa fela mme ke tsela ya go supa bokgoni ja gagwe mo go se a se ratang.

 A re o setse a itsiwe mo motseng ka diatla tsa gagwe tse dintle, a supa fa gantsi a rokela ba mediro e tshwana jaaka manyalo.

Mme Moyo a re go supagala fa COVID-19 e phuntse dipata tsa batho ba le bantsi e bile batho ba bangwe ba feletse ba latlhegelwa ke ditiro.

O tlhalositse fa se, se amile kgwebo ya gagwe ka gore batho ba a ba rokelang ba tsaya sebaka ba sa tle go tsaya diaparo tsa bone kgotsa ba sa tle go di tsaya gotlhele ka lebaka la letlhoko la madi, a re se se baka kwelo-tlase ya letseno ebile se mo kgoreletsa go reka tse a di dirisang go roka.

O tsweletse a tlhalosa gore ntleng le se, didirisiwa tse a di dirisang go roka jaaka matsela le ditlhale, dile turu thata ka  e bile a di reka kwa kwa Serowe.

Mme Moyo a re go simololeng kgwebo ya gagwe, o ne a ikgobokanyetsa madi mme a reka mochini o monyenyane, mme e rile go ntse go tsweletse a kgona go tsenya madi a bo a reka o mogolwane yo o kgonang  go dira tiro e ntsi.

A re o ne a tlamega go hirisa ntlo ya ba komiti ya ditlhabololo tsa motse ka jaanong selekanyo sa tiro ya gagwe se ne se oketsegile.

 O tlhalotsise gore mo nakong ya gompieno o na le mmereki a le mongwe yo a mo tlhapileng, a tlhalosa fa a le motlotlo ka le ene a kgone go thusa mongwe ka ene..

Fa a tswelela, Mme Moyo o ne a tlhalosa fa keletso ya gagwe ele go bona madirelo a gagwe a godile e bile a kgona go direla dikompone tse di tona diaparo tsa tiro. A re se ga sena go sologela ene fela molemo mme go tlaa thusa go tlhama ditiro bogolo jang mo nakong ya gompieno e lefatshe le itemogelang letlhoko la ditiro le le ntsi.

O gakolotse beng ba dikgwebo go  ikemele ka dinao, mme  ba seka ba baya tiro yotlhe mo babereking ba bone.

 A re ba tshwanetse go supa fa e le bone baeteledipele ba dikgwebo tse ka go nna le maikarabelo mo tirong.

O ne gape a ba gakolola go nna le boineelo mo dikgwebong tsa bone segolo jang mo nakong ya gompieno ya segajaja sa COVID-19 ka ebile go na le tsholofelo ya gore bolwetse bo tlaa feta mme dilo di tlaa boela  mannong, dikgwebo tsa bone di kgone go gola.

O kopile puso go rotloetsa dikgwebo tse di potlana ka go di abela ditiro tsa go rokela bana paka ya sekolo kgotsa go dira diaparo tsa tiro tsa babereki ba puso. BOKHUTLO

 

 

Source : BOPA

Author : Tefo Rantaung

Location : PAJE

Event : POTSOLOTSO

Date : 02 May 2022