Bomme ba itekodisanya ko moletlong
02 May 2022
Go ikamogela le go batla thuso e e maleba go botlhokwa mo go fenyeng bolwetse jwa tlhaloganyo jo bo tsweletseng ka go kekela lefatshe ka bophara.
Bolwetse jwa tlhaloganyo jo bo tsalwang ke mabaka a a farologanyeng, fela jaaka malwetse a mangwe bo tlhoka go tsibogelwa gore molwetse a bone thuso.
Se se builwe ke mogokaganyi wa moletlo wa high tea mme Kate Nkawana o ko go one bomme ba neng ba ngunanguna dikgwetlho tse di ba lebanyeng.
Moletlo o o neng o tshwerwe ka matlhatso o ne o phuthile bomme go itshidila maikutlo le gone go arogana maele ka dikgwetlho tsa botshelo.
Mme Nkawana o kaile fa se e le go rotloetsa bomme le go ba ruta gore ba ka fenya dikgwetlho di tshwana le kgokgontsho le tse dingwe.
Mo kgothatsong Moruti Sharon Mogokgwane o kaile fa ba tshwanetse ba ithuta gore dinako di fetogile ka jalo malwetse a tlhaloganyo a le mefuta mentsi ka jalo go le botlhokwa go ithuta go tshela le one.
A re botlhe ba ba tsamayang mo kgwetlhong e ba tshwanetse go itshwarelela ka lefoko la Modimo le gone go batla itshidilo maikutlo.
O kgothaditse ba ba raletseng diemo go inaakanya le Modimo e le tsela e nngwe gore ba kgone go digela maikutlo.
Sebui se sengwe Mme Gorata Moshaga yo eleng motlholagadi a re o ne a ralala tsela e e thata fa monna wa gagwe a sena go tlhokafala.
A re kwa tshimologong o ne a sa batle go dumela gore o tlhoka thuso mme erile go tsweletse a bona gore le fa a ne a ikaegile ka Modimo, o tshwanetse a kopa thuso ya go sidilwa maikutlo.
Mme Moshaga o gakolotse botlhe ba ba nang le mathata ape a botshelo go batla thuso le gone go dumela gore ba na le mathata.
A re go lwela go kopa thuso le gone go ja lefoko la Modimo ke tsone di mo tshegeditseng.
Mme Moshaga a re go botlhokwa thata gore batho ba itse fa botshelo e le ntwa mme go batla motho ba ithuta gore o ka dira eng fa o raletse diemo mme gape o tlhokometse botsogo jwa tlhaloganyo.
“A re botsaneng matsogo mo botshelong, re tlholaneng re supe lorato mo go ba bangwe, se se ka thusa gore o bontshe motho tsela ya go re a ka dira jang go fenya se,” a tlhalosa.
Moletlo oo, o ne wa natifisiwa ke leboko le gone go botsa dipotso le go thusa ba ba santseng ba raletse diemo gore ba ka fenya jang. BOKHUTLHO
Source : BOPA
Author : Bakang Segokgo
Location : GABORONE
Event : Moletlo wa high tea
Date : 02 May 2022