Breaking News

Ba batla go thusiwa ka kgwediso ka seatla

27 Apr 2022

Balemi-barui ba metse ya Ngwatle le Ukhwi mo kgaolong ya Kgalagadi Bokone ba kopile gore go nne kafa molao motheong gore baruakgomo ba metse e e kgakala le ditlamelo ba thusiwe ka lenaneo la kgwediso ka seatla.

Rre Thulaganyo Modisane o boleletse lekoko le le romilweng ke Tautona go sekaseka molao-motheo fa kgwediso ka seatla e ka thusa go tlhabolola leruo.

“Re na le keletso ya gore re re tlhabololelwe leruo la rona ka  thulaganyo ya kgwediso ka seatla,”o ne a tlhalosa jaana.

Mo go tse dingwe morui yoo o kopile gore molao-motheo o patike ba lephata la diphologolo go ba neela phimola keledi go tsamaelana le tlhwatlhwa ya seruiwa.

A re e le barui ba eletsa gore molao-motheo wa lefatshe la Botswana o seka wa letlelela magodu a leruo go letela tsheko ba le kwa ntle mme ebile ba seka ba letlelelwa go nna le mmueledi.

Moemedi wa lekgotla la baruti kwa Ukhwi, Rre Tlhokomelo Mhaladi o ne a tlhalosa fa e le keletso ya lekgotla leo gore go nne le lephata le le itebagantseng le tsa sekeresete le le feletseng.

O kaile fa lekgotla le batla gore mo godimo ga moo go tlhangwe lekgotlana le tiro ya lone e leng go rarabolola dikgang tsotlhe tse di amang kereke le go akarediwa le kwadiso ya tsone.

A re go botlhokwa gore molao-motheo o dire gore batho ba ba tsenang mo lefatsheng la Botswana ba re ke baruti ka maikaelelo a go ja setshaba ntsoma ba emisiwe go dira jalo ka fa molaong.

Fa a ntsha la gagwe moemedi wa banana Rre Tumelo Motswapupung o ne a bolelela lekoko fabanana ba kgaolo ba eletsa gore go nne le lephata la ba-na-le-bogole.

O ne gape are: “Re kopa gore ko Ntlong-ya-dikgosi go nne le Kgosikgolo tsa Bangologa le Basarwa le gone gore magosi a nne le seabe se segolo mo kabong ya lefatshe ka ele bone ba tlhaloganyang metse ya bone sentle.”

Rre Motswapupung o ne gape a supa fa dikgang tse di tsayang lebaka le le leele di sa rarabololwe kwa makgotleng a ditsheko, segolo jang dikgang tsa dipolao tsa batho di tshwenya.

A re molao-motheo o tshwanetse wa dirwa ka tsela e e tlaa fefosang go sekwa ga dikgang tsa go nna jalo gore dikatlholo le tsone di seka tsa diega, go gagamaletsa badira-molato setoropo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mooketsi Mojalemotho

Location : UKHWI

Event : Tshekatsheko ya molaomotheo

Date : 27 Apr 2022