Breaking News

Ba gakololwa go itshetsa ka di-tsa tlholego

27 Apr 2022

Mopalamente wa  metse ya Gojwane le Serule o gakolotse banni go dirisa ditsa tlholego tse di mo metseng ya bone go dira madi a ka one ba ka tlhabololang le go ngokela bajanala mo metseng eo.  
Metse eo e e mo kgaolong ya Legare e humile ditsa tlholego di tshwana ditlhare, mantswe, metlhaba le tse dingwe tse ba ka itshetsang ka tsone.  
Fa a buisa diphuthego tsa kgotla kwa Serule Le Gojwane mo kgaolong ya Serowe bokone ka Labobedi, Mopalamente Baratiwa Mathoothe o rotloeditse morafe le boeteledipele jwa metse eo  go thulanya ditlhogo go sekaseka le go tswa ka megopolo go bona gore ba ka di dirisa jang go  di tlhabolola  go  itlhamela mebereko mo nakong ya gompieno  e go leng thata go ka bona ditiro.
Rre Mathoothe o tlhaloseditse banni ba metse eo fa itsholelo ya lefatshe ka bophara e tsweletse ka go wela tlase  ka jalo go sena tsholofelo ya gore e tlaa tokafala  mo bogaufing mme a  ba kgothatsa go ikemela ka dinao go itirela madi.
Rre Mathoothe o supile fa go se thona go ka tsaya bontlha bongwe jwa madi a a neelwang dikgaolo tsa botlhophi go ithamela ditiro mme ba dirisa dikomiti tsa metse ya bone go re go nne motlhofo.
O ba kgothaditse go tsaya malebela kwa dikgaolong tse dingwe ka ba setse  ba tsweletse e bile ba simolotse go akola maduo a ditiro tsa bone, a supa  fa a le teng ka nako tsotlhe go ka ba ema nokeng.
Mo go tse dingwe Mopalamente  Mathoothe o tlhaloseditse banni fa puso e tsere tshwetso ya go nama e emisitse ditlhabololo tse disha ka lebaka la letlhoko la madi, mme go tlaa tsweledisiwa tse di ntseng di le teng le go di tlhabolola.  
O tlhalositse fa sekolo se segolwane sa Bonwatlou e le nngwe ya ditlhabololo tse di tsweletseng, a re mo bogompienong go ka dirisiwa lemme la madi a dikgaolo.
Kgosi ya Gojwane Kgosi Oagile Kethaetse o ne a re ntswa ba itumelela ditlhabololo dingwe kwa motseng wa bone ba tshwenngwa thata ke kgang ya botsogo, a supa fa ka nako ya malatsi a boitapoloso go sena mooki yo o theogelang mme se se tsenya matshelo a batho mo diphatseng.
Kgosi Kethaetse o supile fa botsogo bo tshwanetse go tsewa ka tlhwaafalo ka jalo go botlhokwa gore go nne le mooki yo e kareng motho a kubugelwa ke bolwetse a kgone go thusa.
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Serule Rre Josepher Motshegwa o supile fa ba itumelela tsela e e sa tswang go dirwa ya Serule-Tshimoyapula, ntswa e sa direlwa  mesele e e fetisang metse.
A re se se dira gore e re dipula di na metsi a bo a tlala mo dijarateng tse di gaufi . BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gaboselwe Olesitse

Location : SERULE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 27 Apr 2022