Breaking News

Tshwaragano e botlhokwa

27 Apr 2022

Tshwaragano ya bogogi jwa metse le badirelapuso e botlhokwa ka e ka lere maduo bogolo jang mo go iseng ditlamelo kwa setshabeng.

Se se builwe ke Mopalamente wa kgaolo ya Serowe Borwa Rre Leepetswe Lesedi mo phuthegong ya Kgotla kwa motseng wa Mogome ka Labobedi.

Rre Lesedi are tshwaragano ya bana-le-seabe e supile fa e le konokono mo go tlhabololeng metse.

Mopalamente o ne a akgola bogogi  jwa  motse oo go bo ba dule ka moono wa go ruta morafe ka dikgang tsa kgokgontsho.

O ba rotloeditse gore ba seka ba bipa kgokgontsho segolo jang borre, a re ba bue fa ba kgokgontshiwa. A  re dikgang tse di tshwanetse tsa  buiwa go santse go na le nako.

Fa itebaganya le matshwenyego a bogodu jwa leruo,  ne a supa fa puso e eme ka dinao go tokafatsa seemo, a tlhalosa gore lephata le le lebaneng le seo le ikaelela go dira gore  lekalana la bogodu jwa leruo le la KgomoKhumo  e nne lekalana le le lengwe.

Mopalamente Lesedi a re Lephata la metsi  le na le  lenanaeo la go aga lefelo le le tlhatswang metsi kwa Radisele  mono ngwaga le le tlaa bong le nosa metse ya Radisele, Mogome, Mokgare le Tewane.

Fa a tswa la gagwe modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Mme Florah Keitumetse o ne a lebogela kago ya leobo la Kgotla le WUC a re ba simolotse go gokela diphaephe tsa metsi mo motseng.

Le fa gontse jalo Mme Keitumetse o ne a supa letshwenyego la metsi a a rusi a a reng ga a siamela botsogo jwa bone.

O ne gape a re ba  kopa go okeletswa dipalo tsa phiro ya Ipelegeng le madi a dituelo tsa yone a tlhalosa gore dilo di  a tura.

Mme Keitumetse a re ba sale ba kopile gore ba agelwe matlwana a boitiketso a dirisang metsi kwa sekolong.

Kgosi Balebetse Sesinyi wa Mogome o ne a supa fa selelo segolo sa bone ele tiego ya kabo ditsha tsa motse le masimo.

O ne a re ba tshwengwa ke bogodu jwa leruo jo a reng  bo paledisa maiteko a puso a go ntsha Batswana mo lehumeng ka leruo.

Kgosi Sesinyi a re magodu a a utswa mme ga ba tshwarwe, ba bo ba ikgantshe ba re ba tseela batho leruo ba sa le reke ba le phakile.

O supile fa ba dule ka moono wa go ruta morafe ka dikgang tsa kgokgontsho maikaelelo e le go e kganela e ise e kekele, ba dira jalo ba ba kgaoganya  ka bong gore ba phuthologe .

Kgosi Sesinyi a re batsadi bangwe ba itlhokomolosa bana mo bangwe ba bone ba felelang ba tlogela dikolo.

Rre Lesedi o ne a tlhalosetsa banni gore ba fitisitse melao kakanyetso e le masome a mararo le boferabongwe kwa palamenteng mongwe wa yone ele wa ditlhopho a re ke molato go supa motho ka monwana o re ga se wa kgaolo  a tlhophang mo go yone ka nako ya ditlhopho.

A tswelela ka gore o mongwe ke wa tshireletsego ya bana a re go supegile gore gantsi batsadi bangwe itaya bana dititeo tse di masisi tse di bakang dikgobalo tsa sennela ruri le go koba ngwana mo lwapeng a tlhalosa gore ke molato go dira jalo.

Rre Lesedi o tne a ba tlhalosetsa gore puso e ntshitse lekoko le le tsamayang le tsaya megopolo ya  paakanyo ya molaomotheo, a ba  rotloetsa gore ba  e ipaakanyetse go ntsha megopolo. BOKHUTLO

 

Source : BOPA

Author : Kefilwe Selotlegeng

Location : MOGOME

Event : Phuthego ya Kgotla

Date : 27 Apr 2022