Breaking News

Mapodisi a tshwenngwa ke bogodu kwa mabitleng

12 Apr 2022

Mapodisi a Nata ba tshwenngwa ke dilalome tse di lalelang go thuba dikoloi le go utswela batho kwa mabitleng a motse wa Nata. 

Mo puisanong le BOPA bosheng, motshwarelela mogolwane wa mapodisi a Nata, Assistant Superintendent Lesego Ndebele a re ka Matlhatso go ne ga thubiwa koloi kwa mabitleng ka nako e beng ba yone ba neng ba le mo tirelong ya phitlho mme ga utswiwa khumputara le mogala wa letheka tse di ka lopang P8000.

A re beke e e neng e tsentse khumputara e ne ya selwa mo sekgweng gaufi le fa mabitleng.

Rre Ndebele a re ke lekgetho la bobedi mo sebakeng se sekhutshwane ba ntse ba amogela dikgang tsa go thubiwa ga dikoloi batho ba le mo tirelong ya phitlho.

Asst Supt Ndebele o tsweletse ka go tlhalosa gore mo tiragalong ya ntlha go ne ga utswiwa beke ya bomme mme morago le yone ya selwa ke bafeti ka tsela e latlhetswe mo sekgweng go bapa le fa mabitleng.

A re ba santse ba le mo letsomong la dirukhuthi tseo mme a kopa setshaba go ba thusa.

Ka jalo Asst Supt Ndebele o gakolotse setshaba ka kakaretso go itshireletsa mo magodung a a lalelang batho kwa diphitlhong ka go tlogela dithoto tsa botlhokwa kwa malwapeng.

O ne gape a gakolola le beng ba dintsho go dira thulaganyo ya gore e re fa phitlho e tsweletse go nne le ba ba tlhokometseng  dikoloi.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Goitsemodimo Williams-Madzonga

Location : NATA

Event : potsolotso

Date : 12 Apr 2022