Breaking News

Barui ba Boipelego Dam Group ipelela sediba

12 Apr 2022

Setlhopha sa barui ba ba ikopantseng, sa Boipelego Dam Group, kwa Bonwapitse mo Kgaolong-potlana ya Mahalapye, ba galaleditse seabe sa puso go ba thusa mo go gokelelweng ga sediba sa bone kwa Leropo Farms.

Sediba se, se se butsweng semmuso bosheng, se tlaa sologela mosola barui ba meraka ya Leropo, Bonwapitse, Mmadikgaka, Modiane le Lekopo.

Kwa moletlong wa go ipelela pulo semmuso ya sediba se, Mokwaledi wa Boipelego Dam Group, Rre David Keborate o tlhalositse fa setlhopha sa bone se tlhamilwe ka ngwaga wa 1982, ba ikopantse gore ba nne le lentswe le gone go thusiwa ka mananeo a puso le go fepa leruo la bone. 

Rre Keborate o tlhalositse fa ba ne ba hirisa sediba se, mme morago ba se reka mo go ba Lephata la Metsi.

Mothusa Kgosi ya Bonwapitse, Kgosi Selela Tshegang o rotloeditse setlhopha se, go lema se bo se ijesa bo se rekisetsa le setshaba, gore se kgone go itshetsa. 

Kgosi Tshegang o kopile ba sepodisi gore ba thuse ka go tlhokomela sediba, gore dirukhuthi di seka tsa amoga setlhopha se ditsompelo.

Fa a tswa la gagwe, Modulasetilo wa setlhopha, Rre Khumo Motaneko o tlhalositse gore ba kopile sediba ka gore letamo le ne le sena metsi, mme balemise ba ba gakolola gore ba batle sediba.

“Re dirisitse madi a a kana ka P10 000 go katolola sediba ka ngwaga wa 2017, a tswa mo malokong a setlhopha se, ka maiteko a gore leruo la rona le bone metsi,” a tlatsa.

Rre Motaneko a re ka bogakolodi jwa balemisi ba ne kgona go ikopela P215 000, kwa lenaneong la LIMID a ka one ba kgonneng go gokela le go phatlalatsa metsi.

Modulasetilo o ne a kopa ofisi ya ga Mopalamente Rre Aubrey Lesaso gore letamo le le saleng le thubegile, le baakangwe  e be ba le bulelwa gore ba kgone go lema dijo tse ba ka itshetsang ka tsone le go jesa lefatshe. Mookamela Mapodise a Mahalapye, Supt Omphile Malemenyane o rotloeditse tshwaragano ya barui go tswelela pele, a gatelela gore go nne le mokwalo wa tsotlhe tse ba di dirang gore le fa ba seyo setlhopha se nne se tswelele.

Supt Malemenyane o gakolotse setlhopha go itse fa e le maikarabelo a bone go tlhokomela sediba se, le gore ba nne le seabe mo pabalesegong ya leruo la bone go itsa bogodu jwa leruo jo bo ileng magoletsa.

O kopile gape gore ba sepodisi ba lekodisiwe ka seemo sepe se se tshwenyang mo kgaolong  eo.

Mmatlisisi wa tsa Temo-thuo, Rre Slumber Badubi o tlhalositse fa metsi a le botlhokwa mo setshabeng, ka jalo a re lephata le bone go le botlhokwa go thusa setlhopha se, ka lenaneo la LIMID le le thusang barui ba dikgomo. Lenaneo le, a re le thusa ka go gokela didiba, ka fa go sena metsi leuba le ka fetsa leruo.

Ka jalo, o gakolotse setlhopha go tswa ka ditsela tsa go itepatepanya le phetogo ya seemo sa loapi. O rotloeditse barui go tswa ka metlhale e e ka thusang go tsenya madi mo letloleng la setlhopha; jaaka thuo ya dikgomo tsa mashi le go dira dijo tsa leruo.

 O ne gape a akgola barui mme a ba gakolola go leba dilo ka pharologano go feta jaaka pele ka go fetola ka fa ba bonang dilo ka teng gore ba kgone go atlega.

Moemedi wa Lephata la Metsi Rre Nthopi Ramotsoko o akgoletse Boipelego Dam Group go sala tsamaiso ya go reka sediba morago. A re batho ba ineela didiba tsa puso e se ka fa tshwanelong mme ba bo ba tshwaragana le bothata fa ba setse ba ntshiwa. Rre Ramotsoko o rotloetsa ba ba nang le eletsang go kopa sediba go sala tsamaiso morago.

Fa a lebogela tiro e, Mokhanselara wa Bonwapitse/Mmutlane, Rre Outule Segolame o supile fa a itumelela tlhabologo e, mo kgaolong ya gagwe.

O akgotse maloko a setlhopha  se go supa boineelo jwa one mo dikgwetlhong tsotlhe tse ba di raletseng a bo a se rotloetsa go tswelela ka go tshwaragana le go thusa banana le morafe ka kakaretso. BOKHUTLO

 

Source : BOPA

Author : Gaone Fati le Onkarabile Moeng

Location : MAHALAPYE

Event : Pulo semmuso ya sediba

Date : 12 Apr 2022