Seabe sa dikereke se botlhokwa go bopa setshaba
12 Apr 2022
Ka go lemoga botlhokwa jwa seabe sa kereke mo tlhabololong matshelo ga mmogo le ditiro tsa lefatshe, puso e tlaa tswelela e tshwaraganye le dikereke go lwantsha dikgang tsa masula a a tlhokisang motse wa Molepolole kagiso le thitibalo.
Masula a, a ama bontlha bongwe jwa setshaba ka jalo a tlhoka go emelwa ka dinao.
Se se tlhalositswe ke Mopalamente wa Molepolole Borwa Rre Kabo Morwaeng kwa kokoanong ya dikereke e e neng e rulagantswe ke lekgotla la baruti la Minister’s Fratenal la motse oo ka Matlhatso.
Maikaelelo a bokopano e ne e le go tsibogela matshwenyego a morafe, a akaretsa dikgang tsa kgokgontsho ya bong, dikotsi tsa ditsela, dipolaano, dikgang tsa go kgothosa ga mmogo le go rotloetsa kagiso e e nyelelang mo lefatsheng leno. “Re tlotla le go lemoga seabe sa dikereke mo go tlhabololeng lefatshe leno le matshelo a batho ba lone,” ga tlhalosa Mopalamente Morwaeng.
O ne a supa fa lentswe la diphuthego tsa dikereke le le botlhokwa thata go thusa go lwantsha mewa e e rotloetsang dipharologanyo mo setshabeng.
Mogolwane wa mapodisi a pharakano mo Molepolole le tikologo Assistant Superintendent Reuben Ramoleele o kopile diphuthego tsa dikereke go nna keletlhoko jaaka go dirisa batho ba ba nang le boikarabelo mo mesepeleng ya go rwala diphuthego go ya dipasekeng.
Asst Supt Ramoleele a re se se ka rotloetsa pabalesego ya bapalami.
Modulasetilo wa lekgotla la Minister’s Fraternal, Moruti Diane Mogome, o supile fa maikaelelo a go rulaganya merapelo eo gangwe le gape mo Molepolole, e le go tsibogela matshwenyego a morafe a a golang ebile a tlhokisa motse wa Molepolole kagiso.
O rotloeditse setshaba go dira ka natla go tshwaragana le dikereke go batla tharabololo ya bothata jo bo apesitseng motse wa bone.
Mopalamenete wa kgaolo ya Molepolole Bokone Rre Oabile Regoeng, o supile matshwenyego a go repisa setoropo mo kgodisong ya bana, ntlha e e rotloetsang kgolo ya botlhoka tsebe.
“Go botlhokwa go itsaya motlhala go leba kwa morago, go bona fa re latlhileng tsela teng ka dikgang tsa kgodiso ya ngwana.
Ä re tseyeng boikarabelo re seka ra solofela go bona ba sepodisi e le bone ba tsamaisang malwapa a rona,” ga gakolola Mopalamente Regoeng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kebaeditse Baitlotli
Location : MOLEPOLOLE
Event : POTSOLOTSO
Date : 12 Apr 2022