Breaking News

Ba PEP ba abela Sedie JSS

12 Apr 2022

By Portia Ikgopoleng

 

Maun  -  Ba Pep Holdings Botswana ba abetse sekole se segolwane sa Sedie kwa Maun dikgetsana di le makgolo a marataro, masome a supa le botlhano tsa mesangwana ya bomme.

E rile fa a rola dimpho tseo, Moeteledipele wa marekisetso a Pep mo kgaolong ya Boteti, Ngami, Chobe, Okavango le Ghanzi, Mme Mareledi Thebeng o tlhalositse fa mesangwana e e kgobokantswe ke marekisetso otlhe a a mo kgaolong ya gagwe, ka thuso ya bareki. A re ngwaga le ngwaga ba ithulaganya go thusa ba ba tlhokang segolo bogolo dikole, ba-na-le bogole le bagolo.

Mme Thebeng a re ba motlotlo ka thotloetso e ba e fiwang ke Batswana ka go reka paka ya bana ba dikole mo go bone, ka jalo go botlhokwa gore le bone be abe.

A re bana ba basetsana ba tshabelelwa ke go sa tsene dithuto kgwedi le kgwedi fa ba le mo setswalong ka go bo ba sena mesangwana.

O tladitse ka go tlhalosa fa bana bangwe ba tswa mo malwapeng a dikobo dikhutshwane, ka jalo go nna bokete gore batsadi ba bone ba ba rekele mesangwana.

Mme Thebeng kgothaditse basetsana gore fa nako ya setswalo e goroga, ba bolelele barutabana gore ba ba thuse ka mesangwana, go na le go tshaba go tla sekoleng.

Moeteledipele wa lenaneo la Adopt a School kwa sekolong sa Sedie, Rre Tebogo Mogaetsho o ne a leboga ba Pep Holdings go bo ba abetse sekolo dimpho, a tlatsa ka gore go itumedisa thata fa dikompone tse di ikemetseng di tsenya letsogo go tokafatsa thuto ya bana ke tsela epe fela.

O tlhalositse fa basetsana bangwe ba sa kgone go tla sekoleng fa ba le mo setswalong ka go bo batsadi bangwe ba amilwe ke manokonoko a segajaja sa COVID-19, mme ba sa kgone go ba rekela mesangwana.

Morutabana yo o tshepisitse gore mesangwana eo e tlaa abelwa baithuti ka tsela e thamaletseng gore botlhe ba bone thuso.

A re ba tsaya botsogo jwa baithuti tsia, ka gore fa ngwana a sa tsoga kana a tlhaela golo gongwe, ga a kake a dira sentle mo dithutong tsa gagwe.

Rre Mogaetsho o tsweletse a bolela fa sekolo sa Sedie se dira bontle thata mo dithutong le mo metshakong ka ba alositse batshameki le batabogi ba ditlhopha tse ditona mo Botswana.

A re o solofela fa batsadi ba tlaa itumelela thuso e bana ba bone ba e amogetseng go tswa mo go ba Pep Holdings Botswana.

A re dimpho tseo di tlaa fa baithuti ba basetsana seriti gore ba kgone go tsena dithuto le fa ba le mo setswalong, a tlatsa ka gore o itumediswa thata ke gore bana ba basimane le bone ba ne ba tsene kabo dimpho eo, ka ba le karolo e botlhokwa mo sekolong. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Portia Ikgopoleng

Location : Maun

Event : Kabo dimpho

Date : 12 Apr 2022