Breaking News

Ba batla go okeletswa lefatshe la temo-thuo

12 Apr 2022

Lefatshe le le abetsweng temo-thuo mo kgaolong ya Nhabe ga le a lekana.

Se se boletswe ke leloko la komiti ya Nhabe Agricultural Farmers Association (NAMA), Rre Ustice Handura mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke lekoko le le romilweng ke Tautona go etelela pele Tshekatsheko ya molao-motheo kwa motseng wa Sehithwa ka Mosupologo.

Rre Handura o kopile gore molao-motheo o papamale o dire gore balemi-barui ba fiwe lefatshe le le lekaneng.

A re tlhaelo ya lefatshe la temo-thuo e tshwenya fela thata mo kgaolong ya Nhabe fa go tshwantshanngwa le le le abetsweng diphologolo le a tlhalositseng fa le le legolwane. Monni yoo, o ne a kopa gore go nne ka fa molaong gore mohama wa temo-thuo o neelwe seabe se segolwane fa go abiwa madi a setshaba ngwaga le ngwaga.

Rre Handura o ne gape a kopa gore balemi-barui ba nne le kemedi nako le nako fa go kwadisiwa dikgomo tse di rekisiwang, go lwantsha bogodu jwa leruo jo a reng bo ile magoletsa mo kgaolong.

O supile matshwenyego ka matlhabelo a a ikemetseng a re a ja barui ntsoma ka go reka leruo la bone ka ditlhwatlhwa tse di ko tlase. “Gape re eletsa gore puso e beye dikapa-ditshwantsho wa mahudisong go lwantsha bogodu jwa leruo hela jaaka e dira ka diphologolo tsa naga,” a bua jalo.

E rile a ntsha la gagwe, Rre Sekano Bodio wa Lake Ngami Conservation Trust o ne a kopa gore go nne ka fa molaong go akaretsa magosi mo makokong a a gakololang morafe mo dikgannyeng tse di amanang le mafelo a Bojanala a a abetsweng morafe.

Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Sehithwa, Rre Dintle Moremedi ene o ne a tlhalosa fa a eletsa gore dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse tse e leng tsone pilara ya ditlhabololo mo dikgaolong di lemogwe mo molao-motheong.

“A maloko a dikomiti tse a lemogwe a bo a atswiwe gore morafe, segolo jang banana ba kgatlhegele go nna maloko a tsone,” a tlhalosa jalo, a kaya fa banana le morafe ka kakaretso ba le maoto a tshupa go nna maloko a dikomiti tsa ditlhabololo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mooketsi Mojalemotho

Location : SEHITHWA

Event : Tshekatsheko ya molaomotheo

Date : 12 Apr 2022