Matlo a Sphala Estate a bulwa semmuso
11 Apr 2022
Tona wa dikago le tlhabololo matlo ,Rre Eric Molale a re puso e tlamile go netefatsa gore bonno jwa Batswana bo a tokafala ka gore bonno ke selo sa botlhokwa mo botshelong jwa motho.
Rre Molale yo gape e leng mopalamente wa Goodhope/Mabulwe o buile se fa a bula semmuso matlo a matllhatlaganyane a mararo a le lekgolo le masome a matlhano a Botswana Housing Cooperation (BHC) a a bidiwang Sphala Estate, kwa Palapye bosheng.
O tlhalositse fa kgolo ya motho e simolola mo lwapeng ka jalo a re go botlhokwa gore motho mongwe le mongwe ane le bonno jo bo lebegang.
O ne a akgola ba BHC go bo ba weditse dikago tseo, a tlatsa kagore se se supa kgatelopele mo go ageng matlo mo Botswana .
Rre Molale o tlhalositse fa lephata la gagwe le itlamile go direla dilo mo pontsheng, e le tsa boleng e bile gape di dirwa ka nako le madi aa dumelanweng. A re Lephata la gagwe le bete semolangwana ka dikago tsedi sa welang gammogo letse di sa agiwang sentle.
O tsweletse a tlhalosa gore ba tla dira gore lenaneo le tshwana le la BHC le bo dirwa ke dikonteraka dile mmalwa eseng jaaka gontse go diragala go fiwa konteraka ele nngwe .
Fa a tlhalosa maikaelelo bone, Acting BHC board chairman Rre Moemedi Gabana o ne a supa fa koporase ya BHC tiro ya yone e le go agela Batswana matlo, a tlatsa ka gore puso le yone e ba romile go agela Batswana matlo ka lenaneo la SHHA Turnkey le a badirela puso.
A re pele ba aga matlo ba dira dipatisiso pele tse a reng mo nakong ya gompieno di supile gore gona le letlhoko la boroko mo Palapye jwa Batswana ka kakaretso, dikompone le maphata a puso.
A re ke ka moo ba neng ba bona go tshwanaela gore ba age matlo a matlhataganyane ale lekgolo le masome a matlhano.
Rre Gabana a re konteraka ya Read East Construction e ne ya neelwa tiro ka P89 million mo nakong ya dibeke tse di masome a supa le boferabobedi.
O tsweletse are kago e simologile kgwedi ya Lwetse ka 2019 ya wela Mopitlo 2021. A re batho bale lekgolo le masome a matlhano le bosupa ba ne ba thapiwa mme mo go bone bale lekgolo le masome a matlhano le bobedi ele Batswana fa bale batlhano ele batswakwa.
O supile fa ba bapaditse matlo a mo dipampiring tsa dikgang ka go farologana le mo maranyaneng, ka jalo a rotloetsa Batswana go ikopela matlo.
Motshwarelela kgosi ya Palapye Mme Martha Lebang o akgoletse koporase ya BHC tiro e ntle e o, a tlhalosa fa dikago tse di tla araba selelo sa letlhoko la boroko le go tlhabolola selebego sa Palapye. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kefilwe Selotlegeng
Location : PALAPYE
Event : Pulo semmuso ya matlo
Date : 11 Apr 2022