Breaking News

Komiti e ngongoregela go abiwa ga lefatshe

11 Apr 2022

Komiti ya ditlhabololo tsa motse (VDC) ya Motshegaletau e boletse fa e sa itumelele ka fa go abilweng ditsha tsa masingwana mangwe a komiti ya balemi ba motse oo.

Se se builwe ke modulasetilo wa komiti Rre Ofentse Galebaitse mo potsolosong le BOPA bosheng.

A re banana bangwe ba Motshegaletau ba ne ba fiwa tetla ya go dirisa masingwana a mabedi a e leng tshingwana ya maboloukomo le e e kwa ntlheng ya kokelwana ya Russel May.

A re banana ba, ba ne ba kopa thuso ya go fiwa lefatshe leo kwa kgosing ya motse, Kgosi Mogotsi Mosweu mme seo e se tsamaiso ya go ikopela setsha.

O tlhalositse gore ditsha di abiwa ke ba lephata la Kabo-ditsha mme le fa go ntse jalo, ba ne ba ka seka ba fiwe masingwana a ka e le a morafe.

A re go belaesega fa Kgosi a ile a ba fa tetla ya go dirisa masingwana a, a tlhalosa fa se se ka tswa se dirilwe ke go tlhoka kitso e e tletseng ya ga Kgosi.

A re komiti e ne ya ngongorega kwa go Kgosi mme o ne a tlhalosa fa a tla a boela morago tshwetso eo ya go aba lefatshe. A re ba ne ba lemoga fa banana bao ba ne ba tsweletse ka go berekela mo masingwaneng ao, selo se dirileng gore ba felela ba ikuetse ko go ba kabo-ditsha.

Rre Galebaitse o tsweletse a tlhalosa gore kgang e, e bakile kgotlhang mo motseng ka banni bangwe ba re ba belaela fa go nnile le tshenyetso sechaba fa ba bangwe ba re ba belaela Kgosi a thusitse bangwe ba lesika la gagwe ka lefatshe.

Fa a ntsha la gagwe mo kgannyeng e, Kgosi Mogotsi Mosweu o ganeditse magatwe a, a tlhalosa fa go sena nnete epe mo dipelaelong tsa banni ba Motshegaletau.

O tlhalositse fa a ise a fe ope setsha kgotsa lefatshe lepe ka a sena dithata tsa go dira jalo.

 A re banana ba ba dirile sengwe le sengwe ka fa tsamaisong gore ba kgone go bona lefatshe ka ba ne ba ile go le kopa kwa go ba kabo-ditsha. A re ene karolo ya gagwe e nnile go ya go supa fa masingwana a o a le teng fela ka fa molaong.

Kgosi Mosweu o kopile morafe go ela tlhoko se ba se buang segolo jang fa ba sena bosupi ka gore dikgang se di senang nnete di ka kgobera kagiso ya motse.

A re motse o ka tswelela pele fa go na le tirisanyo mmogo fa gare ga bogogi jwa motse le morafe.

Mo go tse dingwe, modulasetilo wa komiti wa ditlhabololo tsa motse o tsweletse a bolela fa ba lebanwe ke kgwetlho ya ditlhabololo tse di sa kgotsofatseng tsa Motshegaletau.

A re komiti ga ena letseno le le lekaneng go ba thusa go tlhabolola motse.

O tlhalositse fa letseno la madi le ba nang le lone e le la ditena tse ba di foromang. A re mme kgwebo e, e ba e simolotseng ngogola ka Moranang, ga e dire mo go nametsang ka ba na le kgwetlho ya se ba se dirisang go isa ditena ko bareking.

A re se se felela se dira gore bareki ba ye go reka go sele. Rre Galebaitse o tlhalositse gore matlo a komiti ga a ba direle madi ape ka gore ga a na bahirisi mme se se dirwa ke gore bontsi jwa badirela puso mo Motshegaletau jaaka barutabana, ba fiwa boroko ke goromente. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tefo Rantaung

Location : MOTSHEGALETAU

Event : Potsolotso

Date : 11 Apr 2022