Breaking News

Monni o itlama go thusa sekole sa Letsholathebe

10 Apr 2022

 Mo maikalelelong a yone a go tokafatsa le go rotloetsa thuto, puso e ne ya itela mo Batswaneng le makalana ka go farologana go thusa go tshwaraganela mokgweleo wa thuto, ka lenaneo la Adopt a School.

Batswana ka bontsi ba ne ba sekegela kopo e, go balelwa banni ba kgaolo ya Bokone Botlhaba, ba ba tsweletseng ka go abela dikole tsa kgaolo dimpho ka go farologana tse di tla a nnang le seabe mo go tokafatseng maduo a bana.

E ne ya re kgwedi eno e ferabobedi ga bo go le boitumelo, kwa sekoleng se sebotlana sa Letsholathebe jaaka ba ne ba simolodisa kgolagano ya bone le monni mongwe wa motse oo, Rre Thabo Moipolai yo o ithaopileng go nna morotloetsi wa bone.

Ba mokgatho wa Letsholathebe Development Trust ba ne ba kopela sekole dithuso ka go farologana, ka jalo Rre Moipolai a ba tswa thuso.

Fa a tswa la gagwe Rre Moipolai o ne a tlhalosa fa a tlhola a otlolola letsogo go thusa sekole seo, a tlatsa ka gore mo ngwageng ono o bone go le matshwanedi go abela sekole seo P10 000.

Rre Moipolai o ne  itlama gore o tlaa tswelela a abela sekole seo madi a selekanyo seo mo dingwageng tse tharo ka go latelelana go simolola monongwaga.

Le fa gontse jalo, Rre Moipolai a re fa a ka lemoga le go kgotsofalela maduo a a ka nna teng morago ga thuso eo, o tlaa tswelela a ntsha madi ao.

O ne a gakolola botsamaisi jwa sekole go dirisa madi ao kafa tshwanelong, a re ba reke didirisiwa tse di ka rotloetsang bana go tshwara ka thata mo thutong ya bone.

Rre Moipolai yo o dirileng lokwalo la gagwe la ntlha go ema ka la boraro mo sekolong sa Letsholathebe magareng ga ngwaga wa 1984 le 1986, pele a fudugela kwa dikoleng di sele, o gwetlhile baithuti go tlhoafalela thuto le go itshwara sentle.

A re seo se ka ba thusa go goroga golo gongwe mo botshelong.

Rre Moipolai a re ditlhabololo di tshwanetse tsa etelelwa pele ke beng ba motse, ke ka moo a boneng go le maleba go tsenya letsogo fa go tlhokafalang teng.

Modulasetilo wa Letsholathebe Development Trust, Professor Nkobi Pansiri o boletse fa mokgatlho wa bone o tlhamilwe magareng ga ngwaga wa 2014 le 2015 ke bana ba Letsholathebe ba ba neng ba nna kwa Gaborone, mme wa kwadisiwa semmuso ka 2016.

A re maikaelelo a Letsholathebe Development Trust ke go thusa motse mo mehameng ka go farologana gore o gatele pele mo ditlhabololong, ka moo a leboga Rre Moipolai go bo a arabile boikuelo jwa bone.

Mogokgo Mme Edith Lebalang o ne a supa boitumelo, a re o na le tshepo ya gore mpho eo e tlaa ba thusa go fetola ka fa ba ntseng ba dira dilo ka teng.

O ne a solofetsa fa ba tlaa e dirisa ka fa go tshwanetseng ka teng gore e ntshe maduo a a solofetsweng.

Mogolwane mo lephateng la thuto go tswa ko moding kwa ofising ya Masunga, Rre Gaobotse Mokomane o akgotse se se dirilweng ke Rre Moipolai a tshwaragane le ba Letsholathebe Development Trust. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : LETSHOLATHEBE

Event : Potsolotso

Date : 10 Apr 2022