Marumoagae o tlhongwa moruti
10 Apr 2022
Mme Yonder Marumoagae o tlhomilwe mo maemong a boruti go etelela pele kereke ya Angels Movement International kwa Kanye.
Fa a bua kwa moletlong wa go tlhoma Moruti Marumoagae ka Matlhatso, Modulasetilo wa khansele ya Borwa, Rre Thamiso Chabalala o ne are go nna mookamedi wa phuthego ke tiro e e molemo.
A re ga se keletso ya batho gore Moruti Marumoagae a bo a tlhomiwa mo maemong a boruti, a re ke thomo e e tswang ko Modimong, a bo a re o mo eleletsa tsotlhe tse di molemo tse Modimo a di mmileditseng.
Rre Chabalala a re ba a itse fa tiro e ya boruti e se tiro e e motlhofo ka jaana phuthego e tsile go tla ka matlhoko a yone a a farologanyeng ba di morwesa moruti letsatsi le letsatsi.
O rotloeditse phuthego go mo rotloetsa, go mo rapelela le go mo tshegetsa gore a kgone tiro ya gagwe, e bile a e dire ka manontlhotlho.
Rre Chabalala o kopile phuthego go tshwaragana le lekgotla la Baruti (Ministers’ Fraternal) a re ba seka ba bo ba re ba ka kgona ba le nosi.
Fa itebaganya le Moruti Marumoagae o ne a re phuthego e mo lebile jaaka motho yo o ka ntshang lentswe le le agang, e bile le nonofetse bogakolodi le seporofiti.
Fa a ntsha la gagwe, mookamedi wa kompone ya Global Transformation and Networks, Rre Taolo Moshaga o ne a supa fa a sa bolo go itse Moruti Marumoagae a raletse dikgwetlho a wa a tsoga, mme a sa ineele, a re ke ka moo gompieno a tseneng mo maemong a go etelela phuthego, ka ana le maitemogelo a manokonoko le dikgwetlho tsa botshelo.
Rre Moshaga a re Modimo a re le fa a ka fa motho go le kae, motho o tshwanetse go ikoba, a seka a tlhaola batho, a bo a re tsela ya bo Modimo ke tsela e telele.
A re bangwe ba tle ba e tseye motlhofo ba tsaya gore ba a e itse, e bile ba a e kgona, a re ba bangwe ba na le go ikgogona, a re mme maemo a a botoka ke a botlhanka, ka motho wa teng o tsena gongwe le gongwe.
Rre Moshaga a re bomme ba tshotswe e le baeteledipele ba motia, a re ke batho ba ba nonofetseng go ka etelela batho pele, a bo a re lorato ke selo sa botlhokwa, ka jalo batho ga ba kake ba nna bakeresete ba sena lorato.
O kopile bakeresete go dira diphetogo, a re ga ba a tshwanela go ya kerekeng fela, a barotloetsa go tswele kwa ntle go thusa batho.
Rre Moshaga a re mo malatsing a gompieno o kgona go bona ngwana wa dingwaga tse nne, a tsamaya tsamaya a sa itse ko mmaagwe a leng teng, a re ke dilo tse di ngomolang pelo tse di batlang bakeresete ba di kgalemela.
Moemedi wa lekgotla la Baruti ba Kanye, Bishop George Curtain o ne a re moruti ke modisa wa kakaretso e seng ba phuthego ya gagwe fela, a bo a re baruti ba tshwanetse go tlhokomela matlhoko otlhe a setshaba.
Bishopo Curtain a re moruti o tshwanetse go itse fa e le lokwalo le le tshwanetseng go balwa ke batho ba ba farologanyeng, e bile o tshwanetse go direla setshaba sotlhe.
A re baruti ba tshwanetse go nna sekao sa go tlhokomela le go babalela matshelo a batho. O o rotloeditse phuthego ya Angles go tshwaragana le lekgotla la baruti go atlega mo go tsotlhe tse e di eletsang. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Ikotlhaeng Rantopele
Location : KANYE
Event : moletlo
Date : 10 Apr 2022