Ipabaleleng ka malatsi a Paseka
10 Apr 2022
Moeteledipele wa tsa botsogo mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa, Mme Gaboelwe Rammekwa a re go botlhokwa gore banni ba ipabalele go itsa kanamo ya segajaja sa COVID-19 ka nako ya malatsi a paseka a dikereke di abo di phuthagane.
Mme Rammekwa o buile seo mo bokopanong jwa dikereke jwa lekgotla la bomme ba thapelo la Christian Women’s Fellowship mo Kgotleng ya Tsabong ka Matlhatso. O tlhalositse fa mongwe le mongwe a tshwanetse a ikitaya ka thupana go ipabalela kgatlhanong le mogare ka gore fa ba ka seka ba dira jalo seo se tla imetsa ditlamelo tsa botsogo.
O boletse gore kgaolo ya Kgalagadi ga e na ditlamelo tsa botsogo tse di lekaneng ka jalo ba botsogo ba tshwara phage ka mangana fa go tla dinako tsa paseka ka go nna le dikotsi tsa tsela tse dintsi mme seo se ame botsogo.
Mme Rammekwa are sepatela se se mo kgaolong eo se se botlana ga sena ditlamelo tse di kalo mme go imetsa baoki tiro ka bangwe ba sa itlhokomele kgatlhanong le dikotsi le bolwetsi jwa COVID-19.
A re kgaolo eo e kgakala le ditlamelo le dipatela tse dikgolwane ka jalo dieemo tsa tshoganetso di kgona go hekeetsa sepatela seo mme go tsee nako go isa balwetsi ko dipateleng tse di kgolwane go bona thuso.
Mme Rammekwa a re kgaolo ya Kgalagadi Borwa ke nngwe ya tse di amegileng thata fa e sale bolwetsi jwa COVID-19 bo tlhagoga. A re go simolola ka kgwedi ya Tlhakole go fitlha ka kgwedi ya Mopitlo monongwaga mogare o ne o ritibetse ka go nnile le kgetsi e le nngwefela mo dikgweding tse pedi. E re lentswa go ntse jalo, o ne a supa gore mogare o ntse o teng mo kgaolong.
O kopile banni gore ba tswelele ba ipabalele ba obamele melawana ya botsogo e e beilweng jaaka go rwala dibipa melomo le dinko, go tlhapa matsogo kgapetsa-kgapetsa le go nna ba katologane.
A re dikereke di tshwanetse tsa tsibogela seo thata ka malatsi a paseka ele nako e dikereke di tlaabong di kgobokantse matshwiti-tshwiti a batho. A rotloetsa gore batho ba tswelele ka go kenta go itshireletsa kgatlhonong le mogare wa COVID-19.
Mme Rammekwa a re go tswa ka nako ya fa mogare o tlhagoga go fitlha gompieno, go nnile le dintsho di le masome a matlhano mo kgaolong eo. Mo dintshong tseo, di le lesome le bobedi ke tsa Tsabong, tse di boferabobedi ke tsa Bray, tse supa ke tsa Werda, fa metsana mengwe mo kgaolong eo ka go farologana e tlhokafaletswe ke bobedi kana bongwe.
Mme Rammekwa o ne a supa gore bontsi jwa dikgetsi ke tsa Tsabong.
A re mo nakong eno go setse go kentilwe 86 per cent ya batho ba ba nang le dingwaga di le lesome le bobedi go ya ko godimo ka palo ya 21 160 ba e leng gore ba tsere mekento yotlhe.
A re lephata leo le ne le ipeetse seelo sa 24 852 mme ga ba a kgona go se fitlhelela. O ne a supa matshwenyego a gore batho ba maoto a tshupa go tsaya mokento wa tlaleletso ka go tsere fela 49 per cent ya ba setseng ba tsere mokento wa bobedi. Ka jalo a rotloetsa batho go tsaya mokento wa tlaleletso go tokafatsa tshireletsego ya bone kgatlhanong le mogare.
O boleletse bomme ba thapelo gore go na le mogare o mosha o o tlhagogileng mo Botswana beke e e fetileng o o tshwerweng mo bathong ba le bane ka jalo a gatelela gore batho ba ikente.
A tlatsa ka gore go simolotswe go fiwa ditlankana tsa sesupo sa gore motho o ikentile mme kgaolo eo le yone e setse e simolotse go ntsha ditlankana tseo a tlatsa ka gore ba tlaa di ntsha gape ka maranyane go tlhofofaletsa ba ba yang ko mafatsheng a sele mesepele.
Moeteledipele wa Lekgotla la bomme la Christian Women’s Fellowship mo Tsabong, Mme Mary Jonas a re letsatsi leo ke la bomme ba sedumedi la mafatshe fatshe la thapelo ya malatsi a papolo ya morena.
A re moono wa letsatsi leo ke gore bomme ba, ‘ikagele areka’ a tlhalosa gore bomme ba tlhobaediwa ke ditiragalo tse di diragalang malatsi a ka jalo ba tshwanelwa ke go rapela go kopa modimo go ba babalela mo malatsing a a tlang.
A re batho ba fetotse malatsi a papolo ya morena go dira tse di duleng mo tseleng. O supile gape gore lefatshe ga le a iketla, le kgoberegile, malapa a a thubega, bana ba latlhile ngwao ka jalo bomme ba thapelo ba lopa modimo gore a ritibatse lefatshe lotlhe.
A kopa bomme gore ba age malwapa a bone ba godise bana ka tsamaiso ebile ba emise go dira tse di sokameng jaaka go thuba malwapa a bomme ba bangwe.
Fa a tswa la gagwe, moemedi wa ofisi ya ga molaodi wa Kgalagadi Borwa Mme Cathrine Molomo a re kgokgontsho ya bong le bana e a tshwenya ka jalo e tshwanetse ya emelwa ka dinao.
O rotloeditse gore kgodiso ya ngwana e elwe tlhoko go itsa go godisa mokgokgontshi wa ka moso. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Calviniah Kgautlhe
Location : TSABONG
Event : Bokopano
Date : 10 Apr 2022