Breaking News

Matsheka o kgothatsa banni go ikanya thapelo

10 Apr 2022

Mopalamente wa Lobatse Dr Thapelo Matsheka a re merapelo e supa popagano le neelano ya Setswana le mautlwelobotlhoko.

O buile jalo bosheng mo bokopanong jwa merapelo ya dikereke ya go rapelela gore ngwana wa mosimane, Tlotso Karema yo a saleng a timetse a bonwe a siame.

O tsweletse ka go kgothatsa ba lelwapa la ngwana yo o timetseng gore ba seka ba tsietsega ba ikanye Modimo ka thapelo ka dinako tsotlhe.

Dr Matsheka a re thapelo e bula matswalo go amogela dieemo tsotlhe tse di tla diragalang, atlatsa ka gore go tlhoka boikarabelo jwa boeteledipele gore mewa e seka ya kgarakgatsega, a tlatsa ka gore dilo dingwe di tla ka mewa e e sa itshekang ka jalo a bolela fa gole botlhokwa gore go tswelelwe ka go rapela .  

Mo go tse dingwe o ne a re maphata a letlelelwe go dira tiro ka fa ba kgonang ka teng go thusa go tlisa kagiso le thitibalo mo lefatsheng, atlatsa ka gore mapodisi a eme ka dinao, a  morafe o bathuse, a tlatsa ka gore ope fela yo nang le kitso nngwe a lome ba ba maleba tsebe.

O tsweletse a rotloetsa morafe go nna sekao ka go kopana, go dira tsamaiso go rarabolola dikgang.

Reverend Nametso Kebonang wa Kereke ya Assemblies of God o ne a ntsha mafoko a kgothatso, a kgothatsha ka lekwalo la ga Mathaio wa lesome temana ya masome a mabedi le borataro(10;26) e e buang gore se se bipilweng setla bipologa, a bolela fa Modimo e le ene a itseng tsotlhe ka jalo a kopa morafhe go tswelela o rapelela gore ngwana a bonwe.

A re gore thapelo e arabiwe go tlhoka banna le basadi ba ba itseng gore Modimo  o tlotla dithapelo tsa basiami, atlatsa ka gore  thapelo e maatla e tlhokisa modira molato kagiso.

Bishop Elvis Motswagae wa kereke ya Nations for Christ Assemblies o ne a bolela fa dithapelo di ka simolola ka go rapelela ba lelwapa la ngwana yo nyeletseng gore Modimo o bafe  kagiso le kgomotso,  tirisano, tshwaragano le neelano, go rapelela tshireletso ya bana ba dikole le bana botlhe, le gone go rapelela tshisibalo  mo Lobatse gore sepodisi se kgone tiro  ya sone mo patlong ya ngwana. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Grace Sebape

Location : LOBATSE

Event : Bokopano

Date : 10 Apr 2022