Tlhokomelo ya bana ke boikarabelo jwa botlhe-Pule
10 Apr 2022
Puso ya Botswana e kgathala ka boleng ja matshelo a Batswana ba ba welang mo ditlhopheng tse di haphegileng di akaretsa bana, basadi, ba-na-le bogole, bagodi ga mmogo le ba itsholelo e e kwa tlase.
Go buile jalo mothusa tona ya Dikgaolo le Tlhabololo ya Magae, Rre Mabuse Pule fa ane a abela bana ba dikhutsana dijo le tse di tlhapang tse di neng di tswa mo mokgatlhong wa bopelotlhomogi wa Orphan Nest kwa kgotleng ya Serowe ka Labotlhano.
Moono wa letsatsi leo o ne o balega o re: Let Love Be The Root For Everything.
Mothusa tona o boletse fa puso e diragatsa mananeo a go ba inola mo diemong tse ba leng mo go tsone le a go tlhomamisa gore ba nna le sebaka, dikitso le botsipa jwa go tokafatsa matshelo a bone .
A re ba netefatsa gore bana ba nna mo pabalesegong le kgodiso ee siameng, ba setse morago molao wa bana wa Children’s Act o o tlhalosang ka botlalo ditshwanelo tsa bana le tsotlhe tsedi amanang le kgolo le pabalesego ya bone.
O boletse fa nngwe ya ditshwanelo tsa bana ele go fiwa bonno le kapari ee lolameng, a tlatsa ka gore tlhokomelo le kgolo e e siameng ya bana ke motheo wa ngwana yo o itekanentseng mo mmeleng, maikutlo le tlhaloganyo.
“Mananeo a rona a tla abo a sa nitama fa a sa tsholetse tlhokomelo ya bana bogolo jang ba masiela le ba ba tlhokileng lesego,’’ ga bua jalo Rre Pule.
O gateletse gore puso ga e kake ya kgona go dira gotlhe mo go tshwanetseng bogolo jang mo nakong ee lekang go tswa mo manokonokong a segajaja sa COVID-19.
“Ntwa e, ya go netefatsa seriti le kgolo ya bana, e tlhoka seabe sa mongwe le mongwe mo sechabeng, batho ka bongwe ka bongwe, makgotla a bopelothomogi ga mmogo le dikgwebo,’’ ga bua Rre Pule.
A re ngwana ke wa morafe, wa sechaba eseng wa batsadi ba gagwe fela, ka jalo fa motsadi a tlhaela yo o gaufi o tshwanetse go tsenya letsogo.
A boletse fa ele sone sese dirilweng ke mokgatlho wa Orphans Nest, a re tiro ya bone e tsamaelana le dikeletso tsa puso go ya ka ditsetlana tsa Vision 2036, Children’s Act ga mmogo le lenaneo la ga Tautona la Reset Agenda.
O kgotlhadiste makgotla a mangwe go tsaya malebela mo go ba Orphan Nest go thusa masiela le bana botlhe fela. Rre Pule o boletse fa dikgang tsedi amang bana di le dintsi ebile di akaretsa kgokgontsho ya mafoko, ya tlhakanelo dikobo le tshotlako.
Le fa gontse jalo mogolwane go tswa ko lephateng la boipelego la khansele ya legare, Rre Kagiso Seroke a re ba dubadubana le dikgang tsa kgokgontsho bogolo jang mo masielelng le bana ba ba tlhokileng lesego.
A re dingwe tsa tsone ke gore masika mangwe a sotla masiela ka go ba tseela madi le dithoto tse ba di tlogeletsweng ke batsadi. A re ba ba jela dijo tse ba di phakisiwang ke puso.
Rre Seroke o boletse fa mo kgaolong potlana ya Serowe go na le masiela ba le 1 230 ba ba mo tlhokomelong ya khansele ka go ba neela tsotlhe tse ba di tlhokang mme sebe sa phiri ba lomelediwa ke batlhokomedi ba bone.
A re gompieno bana ba gola ka tshakgalo ka gore ga ba tshele sentle ka fa tlase ga kgokgontsho ya masika a bone mme se e le sone se ereng ba tsweletse ba gola e nne dirukutlhi.
O kopile morafe go bega fa ba bonang kgokgontsho e diragalang teng eseng go nna fela bare ‘nna ga di nkame.’ A re yo o boneng kgokgontsho mo masielenng mme a sa lome ba molao tsebe o ka tseelwa dikgato tsedi gagametseng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : SEROWE
Event : kabo dimpho
Date : 10 Apr 2022